Leloko la dithuto tsa bojanala mo Botswana

Leloko la dithuto tsa bojanala mo Botswana e ne e ipelela dingwaga tse masome a mabedi le botlhano tsa bodiredi ka ngwaga wa 2009 ka go dira moletlho wa dikganoge tse masome a supa, ba ba neng ba fiwa ditankana tse di supang fa ele baitsanape mo go supegitseng baeti mafelo, kgotsa mo tsamaiso ya ditsanaga, kgotsa mo go sireletseng ditsatholego.[1]

Ponelopele fetola

Maitlamo le maikaelelo a sekolo se sa mmadikolo ke go di goga kwa pele mo go ruteng baeteledipele ba ditsatlholego ba maemo a kwa tlase le a fa gare gore ba fe dikgakololo tsa maemo a a kwa godimo, mo go tsa dipatlisiso le dikgang ka tshireletso ya diphologolo tsa naga, bojanala le ba CBNRM mo lefatsheng la Botswana le mafatshe a a mo Aferika Borwa. Ithutontsho e na le mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa boleng jwa thuto le go abelana megopolo go akaretse kitso le go tlhaloganya tsamaiso ka tsa diphologolo tsa naga, bojanala le tsamaiso ka tsa dikgwebo. Ithutontsho e itebagantse le go rutuntsha ka go dira ka diatla.Sekole se se na le ditsamaiso tse di mmalwa. Tse di ntseng di le teng di baakantswe.


Metswedi fetola

Dipadi tse dingwe fetola