Francistown

Toropo Kgolo ya bobedi mo Botswana

Francistown ke toropo kgolo ya bobedi mo lefatsheng la Botswana. E na le banni ba le 100,079 go tsweng palo-batho ya ngwaga wa 2011. Francistown o dikaganyeditswe ke dinoka tsa Tati le Shashe. E dikilometara di le masome a roba bongwe gotsweng ko molelwaneng wa lefatshe la Zimbabwe.

Francistown
Francistown is located in Botswana
Francistown
Francistown (Botswana)
Kgaolo
North-East
Setshaba
103,422 (2022)[1]
Theo
1897
Elevation
1,001 m (3,284 ft)
Important Places in Francistown
1
Our Lady of the Desert Cathedral
2
Francistown City Stadium
3
Supa Ngwao Museum
4
Francistown Central Park
5
Jamia Masjid

Ditso fetola

Batho ba tlile mo lefelong le dingwaga tse diketekete tse masome tse difitlileng. Batho ba morafe wa Matebele ba fetlile ka lefelo le ka dingwaga tsa 1830s ba ya Bulawayo [en], ba tlisa ngwao ya bone mo lefelong la Bakalaka mo bokone botlhaba mono Botswana. Nyangabgwe e ne e le motse o gaufi le toropo ya Francistown go e telwa ke batho basweu go tswa moseja jaaka Robert Moffat o ne a latelwa ke Karl Mauch ka ngwaga wa 1867 yo ne a bona gauta go bapa le lefelo la Tati River [en].

Toropo ya Francistown e nnile teng ka ngwaga wa 1897 e le motsana go bapa le Monarch mine. Toropo e e biditswe ka leina la ga Daniel Francis. English prospectory o nnile le teseletso go nna mo lefelong le ka 1869. Francis e ne e le moemedi wa Tati Concessions Company,ebile lefelo le eleng Francistown e ne e le la gagwe. Legare la toropo e, le nnile teng fa komponi ya ga Francis e sena go rekisa lots tse makgolo a mararo ka Phatwe ngwaga oo. Moepo wa Monarch e ne e se one mmaene fela o berekang nako tseo mo Francistown, se sa dira gore ba dumele gore toropo e e tla gola ka pela.

Ko tshimologong toropo e, e ne e nale seterata sele sengwe mo botlhaba tsatsi go bapa le seporo. Seterata se se ne se nale dikomponi di le mmalwa jaaka hotel, dibanka tse tharo le marekisetso. Ka fa morago ga dikomponi tse e ne e le matlo a batho basweu. Mafelo a Segregated e ne e le a batho basweu le batho bantsho. Le mo bogompienong lefelo la Tainton Avenue le sentse le nna batho basweu.

Fa Botswana a sena go tsaya boipuso ka ngwaga wa 1966 toropo ya Francistown ebe e sa tlhole e kgaogane. Ka 1997 Francistown e ne ya nna toropo kgolo ya bobedi mo Botswana.

Dikolo tse di ko Francistown fetola

Reference:[2]

Ditoropo tse di tsalanang fetola

Francistown o tshwantshangwa le toropo le kgaolo nngwe:

Mebolo e mo Toropong ya Francistown fetola

  • Tati River Mall — ko morago ga Nzano Center
  • Tati Shopping Center — e akaretsa mabentlele a go tshwana le Blue Jacket street
  • Blue Jacket Square
  • Barclays Plaza
  • Nzano Center — e akaretsa mabentlele a go tshwana le Barcelos, Debonairs Pizza, ga mmogo le tsa kapari jaaka Mr. Price,le Cash Bazaar;
  • The Village Mall — o na le madirelo a boroko le boitapoloso e bong Diggers Inn, a maemo a ntlha;
  • Galo Shopping Center — o nale mabentlele a itsegeng e bong jack Milky Lane, Nando's; dibanka jaaka FNB Botswana; le bo Pick n Pay go thusa banni ba toropo;
  • Golden Valley Mall — o nale lebentele la Marang Superspar;
  • Nswazi Shopping Mall — o na le mabentlele ka go farologana e bong SPAR; ga mmogo le a rekisang dijo jaaka Chicken Licken, le KFC.


Ditswantsho fetola

Tshupa Ngwao fetola

Metswedi fetola

  1. "Population and Housing Census 2022:Population of Cities, Town and Villages". Statistics Botswana. 2022-06-03. Retrieved 2022-06-07.
  2. Francistown Schools - Local Botswana
  3. "Stedenband Francistown". Genk.be. Genk. Retrieved 2020-10-12.
  4. "Brothers in Arms". The Patriot Botswana. The Patriot. 2020-05-15. Archived from the original on 2020-05-27. Retrieved 2020-10-12.