Franco le Afro Musica

Franco and Afro Musica
LetsoGabane, Botswana
MefotaKwasa kwasa
Didirisiwa

Ka ga ene fetola

Franco le Afro Musica ke setlhopha sa batho bale lesome le bobedi gotswa Gabane sa kwasa kwasa se se simolotsweng ke Frank "Franco" Lesokwane.

Tiro fetola

Jaaka ele tlhwaelo mo mminong wa Rhumba gore badini ba nne le maina ale mmalwa, Lesokwane le ene o nale maina a tswana le Stango, Lepako le Chakala. Fa a fetsa go tshamekela kgotsa go binela le go opelela setlhopha se se neng se eteletse pele mo Botswana, Franco,ga mmogo le mongwe wa letso la tanzania yo o neng a tsholetswe go tshameka katara, Shabani Mwanasande Yohana, bane ba dira setlhopha mmogo mme ba simolola go tsamaya lefatshe ka bophara. Bane ba gogela bangwe ba ba neng ba nale botsipa ba mmino wa rhumbamme ba gatisa alebamo ya bone ya ntlha, Ke lela le lona , e fa go ranolwa e bidiwang I am crying with you.Maloko a mangwe a Afro Musica kebo Joseph Masamba(yo neng a tshameka katara ya kodu), Kumakili Kusere(wa katara ya kudu le lentswe le lesesane), Samurai Ngingo(yo o neng a letsa katara)

Morago ga Ke lela le lona sedtlhopha se sene sa gatisa dialebamo dile mmalwa tse di neng tsa atlega. Setlhopha sene sa gatisa pina ya sone e e neng e itsagale ka Tshutshumakala (seele sa setswana se se rayang terena),e e neng ya ba fenyisa dietsele tsa Botswana Music Union (BOMU).[1] E ke pina e e bolelang kafa ba tshabang terena ka teng. Dipina gantsi dika dipolelo tse di kgatlhanong mo motseng jaaka boloi, boaka le loso. Gantsi ba kwala dipina tse di buang ka bone mo alebamong nngwe le nngwe, setlhopha se nale pina ele nngwe fela e e buang ka motsana mongwe mo Botswana, e eneng ya ba tlisetsa balatedi bale bantsi. Setlhopha se se gapile dietsele dile mokawana , di akaretsa tsa BOMU "setlhopha sa ngwaga sa alebamo ya kwasakwasa e e gaisitsing " ngwaga dile pedi ka tatelano ).Lefa go ntse jalo mo metshamekong ya sesupa ditshwantsho ya gagwe sa ntlha mo alebamong e ntsha "Mmamane Robala", Lesokwane, ga akaretsa baletsi ba gagwe kgotsa babini ba gagwe, thata thata mo pusolotsong le ko ntle fela mme ga a ikope maitswarelo ka ga seo. "Ke ba itsesitse batho mo dikhaseteng tsame batho ba batlang gape se sentsi. Ke kwadile ka bone mo dikwalong tsa dikhasete tsame. " Ke ne ke sa bone gole botlhokwa go ba akaretsa mo go dirweng ga motshikinyego yo," go bua Franco, fa a botsolotswa gore ke eng setlhopha sene se sa fa fiwa tshono ya goitsiwe ke setshaba jaaka ene mo setshwantshong sa motshikinyego. "Ga re a bona gole mosola go dira jalo. Batho batla bua jaka ba tlhola ba bua, mme gotswa mo bolaoding go tsaya ditswetso tse di tswanang letse. Gongwe Afro Musica etla bonala mo setshwantshong sa motshikinyego se sengwe.

Ka kgwedi ya Moranang ngwaga wa 2005, setlhopha sene sa ema nokeng Koffi Olomide mo loetong la gagwe la go ralala Aferika. Koffi one a kapiwa are

Ke gakgametse morago ga ke ithuta gore maemo a moopelo wa rhumba mo lefatsheng le a kogodimo mo go kana.

Tse a di diragaditseng ha e sale a tsena mo mmino fetola

  • Ke lela le lona
  • Ba ntatola
  • Robala Nnana
  • O nyala leng
  • Mmamane Robala
  • Khutsanyana
  • Spekere
  • Koti Koti
  • Baesekele
  • Sephiri se dule
  • Ke fela pelo

Metswedi fetola

  1. Archived at Ghostarchive and the Wayback Machine: Franco- Tshutshumakgala. YouTube.