HIV/AIDS mo Botswana

Botswana ke lengwe la mafatshe a a wetsweng ke seru sa bolwetsi jwa leroborobo. Dipalo tsa kanamo ya mogare mo bathong ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go tse di masome a mane le boferabongwe ke 24.1% e leng ngwe ya dipalo tse di kwa godimo mo Aforika. Tlhakanelo dikobo e diragalang magare ga batho ba bong jo bo sa tshwaneng ke ngwe ya dilo tse di oketsang kanamo ya mogare. Banana ba basetsana ba mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare go feta batho botlhe. Young men ages 15 to 24 experience an HIV prevalence rate of 5.7 percent, while young women in the same age group experience prevalence rates of 15.3 percent. Palo ya banana ba basimane ba dingwaga tse di fagare ga lesome le botlhano go ya kwa go tse masome a mabedi le bone ke 5.7%, fa basetsana ba dingwaga tse palo ya bone e le 15.3%. Kanamo ya mogare e farologana go ya ka maranyane a a ka ga lefatshe, kanamo ya mogare e ntsi thata kwa metseng ya dintlhana, mme e nne ko tlase kwa motse o motonatona wa dikago tsa segompieno ga mmogo le kwa dikgaolong. Lophatla lwa United Nations Development Programme lo akanyetsa gore e tlare ka ngwaga wa 2010 bana ba palo e feta 20% e tlaabo e le masiela/ dikhutsana. Lolwapa lo lo katlologaneng le sechaba ba iphele matsapa a go ka tlhokomela masiela a. mogare wa HIV o nnele sekgoreletse mo ditlhabologo tsa lefatshe la Botswana di tshwana le bo itsholelo, tlhomamo ya seplotiki ga mmogo le lobaka lwa dingwaga tse motho a tshwanetse go tshela ka lone mo lefatsheng go simologa ka ngwaga o ne lefatshe le tsaya boipuso.

Ditshenyegelo tsa go tlhokomela botsog jwa ba ba amilweng ke mogare di e le magoletsa mo malwapeng. Tlatlhegelo ya madi go ka itshetsa ka o ne fa motlhokomedi a tlhokafetse ka ntlha ya mogare le yone e kwa godimo. Bontsi jwa batho ba ba berekang mo Botswana ke batho ba bagolwane ba ba setseng ba amilwe ke mogare mo ebileng bangwe ba tlogetse tiro. Go simologa ka ngwaga wa 1999 go ya kwa go 2005 Botswana o latlhegetswe ke batho ba palo e kana ka 17% ba botsogo ka ntlha ya bolwetse jwa leroborobo. Tatlhegelo e ntsi ya barutabana ka ntlha ya leroborobo o fokotsa boleng jwa thuto ga mmogo le nako e bana ba e tsayang go rutiwa. Go solofelwa fa go palo ya bana ba ba tswang mo dikolong e tla ya magoletsa ka go bob ba patikega go thusa ba ba lwalang ko lawapeng ga mmogo le go thusa ka madi. Ka ngwaga wa 2011 Lephatla la thuto la thuto le simolola go ruta ka bolwetsi jwa Segajaja.

Teach Aids le le tlhamilweng ke ba Starnford Uiversity le tla ga neelwa dikolo tsotlhe go ruta batho ba dingwaga tse borataro go ya kwa go tse masome a mabedi le bone. The TeachAIDS prevention software, developed at Stanford University, will be distributed to every primary, secondary, and tertiary educational institution in the country, reaching all learners from 6 to 24 years of age nationwide.[1]

O ka tsibogela fetola

  • Seru sa AIDS
  • Segajaja mo Aforika

Metswedi fetola

  1. "UNICEF funds TeachAIDS work in Botswana". TeachAIDS. 2 June 2010. Retrieved 24 January 2011.