Kgosi ya Bangwaketsi, Seepapitso wa IV

Tempolete:Sources

Go utlwala fa kgosi kgolo ya Bangwaketse, Kgosi Seepapitso IV a sa tsoga. Mothusa Kgosikgolo, Kgosi Malope Gaseitsiwe o lotlegetse Bangwaketse ka bolwetsi jwa kgosi ya bone mo phuthegong ya kgotla mo Kanye ka Labobedi. Kgosi Gaseitsiwe o buile fa Kgosi Seepapitso a robaditswe kwa Gaborone Private Hospital. O tsweletse ka gore ngaka e e tlhokometseng Kgosi Seepapitso e kopile gore a ikhutse le gone gore a seka a tlholwa ke morafe. Morafe o ne wa supa fa go le botlhokwa go tshwara merapelo go rapelela kgosi.

Botshelo jwa Moswi fetola

Kgosi Seepapitso IV (o tlhokafetse ka Mopitlwe a tlhola masome a mabedi le bone ka ngwaga wa 2010), e ne e le kgosi ya ga Ngwaketse morafe wa Botswana.[1] E ne e le ngwana wa ga kgosi Bathoen II.O eteletse ntlo ya dikgosi makgetlho a le mantsi gape e ne e le mongwe wa dikgosi tsa mo Botswana yo o neng a fiwa tlotla e e kwa godimo e le ka fa a neng a rarabolola dikgang tse di masisi tsa merafe. Seepapitso o ne a le moemedi wa lefatshe la United States, moragonyana a nna wa lefatshe la China.

Kgosi Malope o fiwa bogosi jwa Ngwaketsi fetola

Malope ke ngwana wa bobedi wa wa ga Kgosi Seepapitso,o filwe setlilo sa bogosi ke mogolwe yo o kabong a ne a se filwe.Ka botsogo jo sa itekanelang o ne a bona go le matshwanedi go bo neela monnawe.Malope o ne a fiwa tlotla ya bogosi ke morafe wa ga Ngwaketsi morago ga leso la ga rragwe.

Bokhutlo fetola

Kgosi Seepapitso ke mongwe wa dikgosi tse di diretseng lefatshe la Botswana ka manontlhotlho le botswerere ka lobaka le leele.O ne a fiwa tlotla e e rileng mo lefatsheng ka botho le botswerere jwa gagwe mo tirong ya gagwe.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Botswana/Kanye South East District

Metswedi fetola