kgotla ke bokopano jwa setshaba, batho ba ba nnang mmogo kgotsa molao wa setswana kgotlatshekelo ya magae a Botswana. Gantsi e etelelwa pele ke kgosi kgotsa mogolwane, gape le ditshwetso tsa batho di tlisiwa ke barongwa. Mongwe le mongwe o letelelwa go ntsha mafatlha a gagwe, gape ga gona ope yo o ka tsenang ganong se motho a se buang "fa ba bua maikutlo a bone". Go nale Setswana se se reng (ntwa kgolo ke ya molomo ). Ntateng ya ngwao, Botswana o ithaya a re ke ene yo motona mo pusong ya batho ka batho.

Mokgwa wa go letelela batho go bua mafatlha a bone go direlwa mo bokopanong jwa mefutla ka kakaretso, go tsweng mo go buisaneng go ya kwa go buisiweng ka boripana, gape go kgona go raya bokopano jwa metsotso e mentsi.

Kgotla gape e kgona go raya lone lefelo le go kopanelwang teng . Se se kgona go simolola ka ditlilo di le kwa tlase ga moriti go ya kwa lefelong la sennela ruri le nale ditlilo. Mo tlhaloganyong,leina le adimilwe mo sekgoweng sa Botswana go tsweng mo Setswaneng, le le rayang kgotla .

Mo sekgoweng sa Aferika Borwa , lekgotla ke bokopano jo bo bidiwang ke puso go buisana ka ditlogamano. Leina le adimilwe mo Sesothong, gape le raya kgotla .

Kgotla ya Batswana fetola

Kgotla e kaiwa mo setsong sa Setswana jaaka lefelo la botlhokwatlhokwa. Ke felo kwa melao ya morafe e dirwang gone le ditsheko di tsenelang gone. Kgotla ngwe le ngwe, go ya ka Setswana, e biletswa boreaitse go thaya kgotla gore go sireletswe kgosi le morafe. Go epelwa lenaka la mere kgotla lenaka le beiwa mo mpontsheng go ya ka thato ya kgosi le baeletsi ba gagwe. Kgotla e agiwa go ya ka bogolo jwa morafe mme e agiwa jaaka seripagare sa kgolokwe.

Gantsi, ke Kgosi, borangwanaagwe le bao ba tlhopilweng ke ntlo ya kwa kgosing ba ba dirang le go fetola melao ya morafe. Manno kwa kgotla a dulwa go ya ka maemo a motho mo morafeng. Batlhanka le batlhoki ba dula kgakala xle kgosi. Bomatwetwe, batlhabani ba diganka le bahumi ba dula gaufi le kgosi. Ke gone fa mannong fa moo go neng gp bonwa gore ke mang yo nang le meraka e mentsi, e e sasailang ka metlhape ya dikgomo le letsomane la dinku.

Kgotla, kwa dipitso tsa morafe di tshwarelwang gone, ka gale e agiwa gaufi le kwa kgosing ka magong a ditlhare tsa mokgalo le moselesele, mme e agiwa ka mokwa yo o latelang:

Manno a kgotla - gantsi ka fa tlase ga setlhare

Lepatlelo la kgotla – go amogela bao ba tla emang ka dinao kwa kgotla

Leobo – moago e ruletsweng ka bojang

Leiso – kwa molelo o besiwang gone go ithuthafatsa, go apaya tota le go baya metsi mo isong

Lesaka la dikgomo

Ntlwana – e agiwa ka kwa morago ga lesaka

Kgotla e e kwa godimodimo ke kgotla ya kgosi. Mme yona e latelwa ke dikgotla tsa dikgosana le dikgotla tsa malapa. Senno sa kgotla se dirisiwa kwa kgotla fela, ga se tswe ka kgotla. Mme senno seno se dirwa ka legong la setlhare sa mokgalo, morolwana kgotsa mokabi. Dinno gantsi di betliwa ke banna ba motse.

Mo malatsing a gompieno dikgotla di fetogile go tsamaya le dinako. Sepodisa le meago mengwe ya puso e agiwa gaufi kgotsa go nna karolo ya kgotla.

Dipadi tse dingwe. fetola

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

  • [1] Retrieved 21 May 2008. Example of use in South African context

Dipadi tse dingwe. fetola

  • (2002) Oxford Dictionary of South African English