Lebala la metshameko la Francistown ke lebala le le dirisiwang metshameko ka mefutla mo Botswana, le le santseng le agiwa.Fa le fela ka ngwaga wa 2009,le tla bo le dirisiwa gantsi go tshameka Fa le fela ka ngwaga wa 2009, le tla bo le dirisetswa kgwele ya dinao gape le tla tshegetsa metshameko ya setlhopha sa mo gae sa TAFIC. Lebala le le tla nna le nonofo ya selekanyo sa go tshegetsa batho ba le 27,000.

Obed Itani Chilume Stadium
Francistown Sports Complex
Map

Le tla nna le ditlamelo tse di tona tsa tlhwatlhwa. Le nale manno a ditilo a a tlhomaganeng go ya ko godimo a le borobabongwe. Lebala le le tla tsenngwa motlho wa nnete. Mmanno a a tlotlegileng a a bidiwang "Pavilion" a tla nna le ditlamelo tsa batlotlegi tsa maemoa a ko godimo. Lebala le ke lone le le tona mo Botswana,le tla dirisediwa go tshegetsa metshameko ya tlhwatlhwa ya mafatshe e e totegang.Ke nngwe ya mabala a a fiwang tota gape a tsewa tsia ka gore toga-maano a sone ke e e kwa godimo mo lefatsheng ka bophara.

Bodulo jwa puisanyo le jwa itshidilo mmele bo tla tsenngwa mo labaleng. go solofelwa fa lebala le le tla fela ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Hirikgong e simolola. Lebala le ke lengwe la ditlamelo tse ba lekgotla la metshameko ya kgwele ya dinao (FIFA) e ikaelelang gore le dirisewe ke ditlhopha tsa sejana sa lefatshe sa ngwaga wa 2010 pele ga metshameko.

Metswedi fetola