Maru a Pula School

Sekolo se se ikemetseng kwa Gaborone, Botswana

Sekolo sa Maru-a-Pula ke sekolo se se ikemetseng , mo dithutong tsotlhe, se se golwane se se bonwang mo Gaborone, Botswana. Se simolotswe ka ngwaga wa 1972, ebile se godile go tsweng mo setlhopheng sa baithuti ba le masome a mabedi le botlhano go ya kwa palong ya baithuti ba le makgolo a marataro le masome a matlhano. Maru-a-Pula se ruta dithuto tsa tlhwatlhwa, le baithuti ba ba kwalang ditlhatlhobo tse di tsewang tsia lefatshe ka bophara tse di akaretsang Cambridge International General Certificate of Secondary Education (IGCSE) gape le tsa GCE (ditlhatlhobo tsa legatlo la tswelelo go tsena mo Mmadikolo). E ka ne e le 25% ya baithuti ba ba nnang mo sekolong. Bontlha bongwe jwa baithuti ke Batswana,mme go fetla ba le mafatshe a le masome a mane a emetswe, go akaretsa United States, India, England, South Africa, Nigeria, China, Zimbabwe, gape le Romania.

Sekolo se se kile sa tshegetsa dikgaisano tsa World Individual Debating and Public Speaking Championships ka ngwaga wa 1999 gape sa romela ditlhopha tsa baemedi tse pedi go tsenelela dikgaisano ka ngwaga wa 2008 tsa Championships in Stuttgart.

Kamogelo ya baithuti fetola

Sekolo sa Maru a pula se dirisa motlhale wa boleng jo bo kwa godimo mo go amogeleng moithuti go nna moithuti wa sekolo.Gore moithuti a tsene mo sekolong o tshwanetse go bo a pasitse ka maduo a a nametsang.Sekolo se se itsege lefatshe ka bophara ka jalo se se lopa gore ba ntshe maduo a a kgatlhisang gore ba kgone go amogela bauthuti ba ba le bantsi.Motho yo o batlang go nna moithuti wa sekolo o tshwanetse gore a bo a pasitse potsotherisano(Interview) ya bone ebile a nale maduo a A,B,C fela.

Mekgatlho ya Sekolo fetola

Mo sekolong go nale metshameko ka go farologana jaaka Kgwele ya dinao le emengwe fela jalo.Baithuti ba nale bokgoni jwa go itlhophela se ba batlang go se tshameka ba lebile bokgoni jwa bone.Baithuti ba kgona go tsamaya mesepele go iteisana borathana le ba dikolo tse dingwe.Mme se tlisa botsalano fa gare ga baithuti.

Bokhutlo fetola

Maru a pula ke nngwe ya dikolo tse di fang thuto ya maemo a ntlha mo lefatsheng la Botswana.Batho ka bontsi ba batla go tsenya bana ba bone teng mo sekolong.

Motswedi fetola

Tempolete:Member Schools of Round Square Tempolete:Coord missing

[[Category:]]

Tempolete:Africa-school-stub