Mokoro wa kwa Kazungula

Mokoro wa kwa Kazungula ke pantoni ee kgabaganyang boleele jwa selekanyo sa makgolo a mane a noka ya Zambezi gare ga Botswana le Zambia. Ke nngwe ya mekoro ee metona mo borwa bogare jwa Aferika, o nale nonofo ya selekanyo sa 70 tonnes. Thuso e e fiwa ke bakgweetsi ba le babedi ba mokoro gape ba direla fa melelwaneng ya Kazungula, Zambia le Kazungula, Botswana.[1]

Ngwe ya mekoro ya pantuni ee kgabaganyang noka ya Zambezi kwa Kazungula

E kopanya tsela ya Livingstone- Sesheke (ee kopanelang kwa Trans–Caprivi kwa Katima Mulilo gape e bo e aga bontlha bongwe jwa Walvis Bay) go ya kwa go ee tona mo bokone-borwa jwa Botswana go fetla ka Francistown le Gaborone go ya Aferika Borwa,gape le go ya kwa {8 } Kasane-tseleng ee fetlang kwa maphothophothong a Victoria go tsena mo Zimbabwe. E direla mafatshe a mararo go kaela dikoloi mo (Zambia, Zimbabwe le Botswana)gape le a mangwe a mararo ebong (Namibia, South Africa le DR Congo).[2]

Ka ngwaga wa 2003 mokoro o ne wa tlhagogelwa ke kotsi fa koloi ya mogobagoba e e neng e rwele phetelela ya kwa Zambia e ne ya menola mokoro mme batho ba le lesome le borobabobedi ba ileng ba nwela mo metsing. Kotsi e e ne ya lebagangwa ba ba kalang bokete jwa dithoto mo Zambia go tlhoka go lebisisa bokete jwa dikoloi.[3]

Ka kgwedi ya Phatwe ngwaga wa 2007 puso ya lefatshe la Zambia le Botswana ba ne ba tlhalosa ka maikaelelo a go dira borogo fa lefelong le go emisetsa mokoro. [4]

Kwa Kazungula bokopanelo jwa mafatshe a mane ebong (Zambia, Zimbabwe, Botswana, Namibia)a tla ka selekanyonyana se sennye kgotsa selekanyo sa lesome go kopanela fa lefelong le le rileng (CLARIFY THIS SENTENCE) "Edwin Mogoelelwa". Go nna go fetoga ga metswedi ya noka gape le go tlhoka kgolagano kgotsa ntlha ya botlhokwa go baka go sa kgonagaleng ka teng ga ntlha ee leng teng gompienong. [5][6]

Mafatshe a a kgatlhwa thata ke go aga borogo,Botswana le Zambia, a mo ntlheng e ngwe mo go lebegang a kopanela molelwane yo o kgotsa selekanyo sa lesome, mo go ka diragalang gore go tlhokege dirisiwa ga molelwane mongwe wa baagisanyi. Popego ya noka gape le letsogo la noka mo lefelong e ela mo kgonagalong ya go bokhutlo jwa gore borogo bo tla nna fa kae go tsweng gaufi le fa ntlheng ya lefelo gape jaana gongwe e tsenelela kwa molelwaneng wa Zimbabwe. Zimbabwe o nale borogo le Zambia kwa maphothophothong a Victoria , sekgele sa dikhilomethara tse di masome a bosupa go tsweng kwa Kazungula. Namibia o nale makgabaganyo le Zambia gale kwa Katima Mlilo go tswa sekgele sa dikhilomethara tse di lekgolo le masome a matlhano kwa godimo ga noka. Bao ba ba tlang ba tswa Aferika Borwa go ya moepong wa kopore kwa Zambia kgotsa Lusaka ka tsela,ba tsena ka Zimbabwe ba dikhilomethara tse di mmalwa gaufi.

Bokhutlo fetola

Mokoro o thusa batho go tlolela kwa mafatsheng a mane a ka jalo se se tlisa kutlwisisanyo gareng ga mafatshe a mane.

Dipadi tse dingwe fetola

  1. komponi ya kgatiso ya Camerapix: "ditaelo tsa go ya Zambia. kompini ya kgatiso Camerapix, Nairobi, 1996.
  2. Terracarta/Mmepe wa mesepele wa mafatshefatshe, Vancouver Canada: "Zambia, kgatiso ya bobedi", 2000.
  3. Times of Zambia website "Stiffer law against overloading ready" 7 February, 2007, accessed 1 March 2007.
  4. "Zambia and Botswana reach Kazungula bridge deal." Palapye News blog. Retrieved 30 November 2007.
  5. Brownlie, Ian (1979). "Botswana-Zambia (Quadripoint issue)". African Boundaries: A Legal and Diplomatic Encyclopaedia. London: C. Hurst & Co. pp. 1098–1108. ISBN 0-903983-87-7. {{cite book}}: Unknown parameter |coauthors= ignored (|author= suggested) (help); summarized at African tripoints: Botswana-Namibia-Zambia by Michael Donner / Jesper Nielsen.
  6. Akweenda, S. (1997-04-23). "VI: Quadripoint Theory". International Law and the Protection of Namibia's Territorial Integrity. Netherlands: Martinus Nijhoff. pp. 201–3. ISBN 90-411-0412-7.