Palo ya matamo le mabolokelo a metsi mo Botswana

Tse di latelang ke thekegelo ya palo ya matamo le mabolokelo a metsi mo Botswana.

Map all coordinates using: OpenStreetMap 
Download coordinates as: KML

Tiriso ya Metsi fetola

Metsi a a tshedisa. A nosetsa masimo a balemi; a nosetsa dijalo ebile a nosa leruo la batho ba metse-selegae; a naya boitlosobodutu; a tshegetsa go dirwa ga motlakase wa rona, ditoropo tsa rona le metse-setoropo, meepo ya rona, madirelo a rona le ditlhare le diphologolo tse e leng bontlhanngwe jwa boswa jwa rona jwa tlholego.Metsi a a ka ikanngwang, a a siameng go nowa, metsi a go tsamaisa leswe le a go boloka bophepa le metsi a go godisa dijalo a botlhokwa thata go namola khumanego mo Afrika Borweng. Go tlhabololwa ga metse-selegae le go ntshafadiwa ga metse-setoropo ka bobedi go ikaegile ka metsi gore go fitlhelelwe mekgele eo.Boikarabelo jwa konokono jwa Lephata la Merero ya Metsi le Dikgwa ke go tlhomamisa gore metsi a a lekaneng a boleng jo bo space dumelelwang a teng go kgotsofatsa ditlhoko tsa batho le go tshegetsa tlhabololo ya merero ya itsholelo le ya batho.

Tlhaloso fetola

Lefatshe la Botswana le ntse le nosiwa metsi ke makalana a a farologaneng mo dingwageng tse di fetileng. Water Utilities Corporation e ntse e nosa ditoropo le ditoropo dikgolo. Mo godimo ga moo, e ntse e thusa Lephata la Metsi le Dikhansele tsa Dikgaolo ka bokete jwa metsi go abiwa le mafelo a mangwe a lefatshe leno. Maikaelelo a Lenaneo la go Dira Diphetogo mo Mhameng wa Metsi ke go baakanya ditsamaiso tse marara mme ka jalo go nne bonolo go isa metsi kwa bathong. Ke eng se se tlamileng gore go diragadiwe Lenaneo la Diphetogo tsa Mhama wa Metsi? Kanoko ya Lenaneo Legolo la Sechaba la Phatlalatso Metsi la 2005-2006, le ne la re go dirwe diphetogo tse dikgolo mo mhameng wa metsi, mme dingwe tsa tsone e le gore, go kgaoganngwe tsamaiso ya mhama wa metsi le makalana a mangwe a a thusang ka ditirelo. Morago ga dikanoko tse, ba ne ba gakolola gore Water Utilities Corporation e tseye tsamaiso yotlhe ya go nosa lefatshe leno. Go tla a tsewa metse efe la ntlha? Gore go tla a tsewa metse efe lantlha, go tla a laolwa ke mabaka a a farologaneng, mabaka a tshwana le gore ke metse efe e e nang le ditlamelo tse di setseng di siametswe go tsewa mme ke metse efe e ditlamelo tsa yone di sa ntseng di tshwanelwa ke go tlhabololwa seemo pele, jalo le jalo pele ga e tsewa. Metse e e nang le ditlamelo tse di e golaganyang le e mengwe le yone e ka nna ya tsewa ka nako yone eo. Thulaganyo eno e tla a dira gore dikgaolo le dikgaolo-potlana di sobokiwe di nne setlhopha mme di bo di ka tseelwa gongwe fa go ka kgonegang teng. Tsamaiso eno e tsile go goga lobaka lo lo kae? Go ya ka thulaganyo eno, Water Utilities Corporation e tla a tsaya ditsamaiso tsotlhe tsa metsi a a nowang mo Lefatsheng leno le ditirelo tsotlhe tsa metsi a a dirisitsweng mo dingwageng tse tlhano tse di tlang, go simolola ka Motsheganong 2009.

Palo ya matamo fetola

Maina a matamo Ditoropo tse di gaufi Kgaolo Dinoka tse di tselang Ngwaga wa Kago Boteng(Megalitre) Lefelo Dipadi
Letamo la Bokaa Bokaa Kgaolo ya Kgatleng Noka ya Metsimotlhabe 1990 ko tlase ga 18.5 24°27′08″S 25°59′52″E / 24.452154°S 25.997764°E / -24.452154; 25.997764 (Bokaa Dam) [1][2][3]
Letamo la Gaborone Gaborone Kgaolo ya Borwa-Botlhaba Noka ya Notwane 141,100 24°43′06″S 25°54′27″E / 24.718299°S 25.907478°E / -24.718299; 25.907478 (Gaborone Dam) [1][4]
Letamo la Letsibogo Mmadinare. Kgaolo ya Legare Noka ya Motloutse 100,000 21°49′42″S 27°42′47″E / 21.828357°S 27.713013°E / -21.828357; 27.713013 (Letsibogo Dam) [1][5]
Letamo la Mogobane Mogobane Kgaolo ya Borwa-Botlhaba Noka ya Mogobane 24°58′28″S 25°41′48″E / 24.974388°S 25.696635°E / -24.974388; 25.696635 (Mogobane Dam) [6][3]
Letamo la Nnywane Lobatse Kgaolo ya Borwa-Botlhaba Noka ya Nnywane 2,300 25°06′53″S 25°40′57″E / 25.11467°S 25.68237°E / -25.11467; 25.68237 (Nnywane Dam) [1][7]
Letamo la Ntimbale Tantebane Kgaolo ya Bokone-Botlhaba Noka ya Tati 26,000 20°52′05″S 27°28′09″E / 20.868115°S 27.469254°E / -20.868115; 27.469254 (Ntimbale Dam) [1][8]
Letamo la Shashe Shashe Mooke Kgaolo ya Bokone-Botlhaba Noka ya Shashe 85,000 21°20′44″S 27°24′36″E / 21.345501°S 27.409978°E / -21.345501; 27.409978 (Shashe Dam) [1][9]

Bona gape fetola

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 Majelantle, A. (2009). "BOTSWANA WATER STATISTICS". Botswana Water Statistics. Gaborone, Botswana: Central Statistics Office. Archived from the original (PDF) on 2010-07-07. Retrieved 2010-07-07. {{cite web}}: Unknown parameter |month= ignored (help)
  2. Google (2010-07-07). "Bokaa Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.
  3. 3.0 3.1 Hester, Andrew; Tyler, Stephanie J.; Simic, Dragan. "Birding Gaborone (Botswana)". Gaborone, Botswana: BirdLife Botswana. Retrieved 2010-07-07.
  4. Google (2010-07-07). "Gaborone Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.
  5. Google (2010-07-07). "Letsibogo Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.
  6. Google (2010-07-07). "Mogobane Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.
  7. Google (2010-07-07). "Nnywane Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.
  8. Google (2010-07-07). "Ntimbale Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.
  9. Google (2010-07-07). "Shashe Dam" (Map). Google Maps. Google. Retrieved 2010-07-07.