Phandu Tombola Chaka Skelemani ( o tshotsweng ka kgwedi ya Ferikgong a tlhola ga tlhona, ka ngwaga wa 1945[1]) ke mopolotiki wa lefatshe la Botswana ke leloko la phuthego e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP), yo o direlang gompieno e le tona wa ditogamano le merero ya tsa mafatshe a sele. Ke leloko la palamente kwa khudutlhamageng ya Botswana gape e le leloko la palamente yaPan-African go tsweng mo Botswana; moragonyana e ne e le , mmueledi mogolo wa lefatshe la Botswana go simololeng ka ngwaga wa 1992 go fitlha ka ngwaga wa 2003.

Phandu Tombola Chaka Skelemani
Minister of Foreign Affairs
Assumed office
1 April 2008
Pele Ga GagweMompati Merafhe
Ka Ga Ena
O tsetswe (1945-01-05) 5 January 1945 (age 79)
Mapoka Village, North East District, Botswana
MokgatlhoBDP

Skelemani o tsholetswe kwa motsaneng wa Mapoka.[1] O nale stlankana sa boemo jo bo kwa godimo mo dithutong tsa molao go tsweng mmadikolong wa Botswana, Lesotho le Swaziland[1][2] gape a berekele puso dingwaga di ka nna masome a boraro,[3] fa a ne a simolola e le mosekasiki wa molao ka ngwaga wa 1973.[1][4] Mo atlolosong maemo ya gagwe o ne a nna mosekasiki wa molao yo o motona ka ngwaga wa 1975, yo o eteletseng molao pele ka ngwaga wa 1978, gape a nna mothusa mmueledi ka ngwaga wa 1980.[1] O ne a tlhapiwa go nna mmueledi ka ngwaga wa 1992;[1][4] mo nonofong eo,o ne a gakolola khudutlhamaga mme gape a tsenelela diphuthego.[1]

Fa Mme Joy Phumaphi a ithola marapo kwa palamenteng ka Phatwe ngwaga wa 2003 go nna mothusi wa moeteledipele wa World Health Organization, Skelemani le ene a ithola marapo a gagwe a go nna mmueledi [5] mme gape a ema e le motlhophiwa wa phuthego ya BDP candidate mo ditlhophong tse di neng di tshwarelelwa mo boemong jwa ga Mme Phumaphi jwa, Francistown botlhaba.[6] Mo go ikopeleng setlilolo, Skelemani o ne a supa kwa a goletseng teng , a re se se ka mo thusa go emela lefelo la gagwe sentle kwa palamenteng .[3] Skelemani o ne a fenya ditlhopho gape a tsaya setlilo sa bopalamente ka Ngwanatsele ngwaga wa 2003.[7] Ngwaga o o latlelang , ka Ngwanatsele a tlhola borobabongwe,ngwaga wa 2004,o ne a tlhophiwa kwa palamenteng go nna tona wa merero ya tsa ga tautona le setshaba.[2]

Skelemani o ne a sutlisetswa kwa maemong a go nna tona wa ditirelo tsa tshiamiso, moemedi wa molao, Sesole sa Botswana , Sepodisi, Tshenyetso setshaba gape le ya itsholelo, le tshireletso ka Ferikgong ngwga wa 2007.[8] Fa Rre Ian Khama a tsaya stlilo sa botautona ka Moranang a tlhola ga nngwe ngwaga wa 2008, o ne a baya Skelemani go nna tona wa ditogamano le merero ya mafatshe a sele .[9]

Phandu Sekelemane o rotleditse Setshaba fetola

Tirisano e ntle fa gare ga mafatshe a Botswana le United Kingdom e tsiseditse mafatshe ao dipoelo tse di bonalang mo mafatsheng oomabedi.E rile fa a bua kwa moletlong wa matsalo wa dingwaga tse 85 wa ga Queen Elizabeth II mo Gaborone la Labobedi, tona ya tsa mafatshe a sele le tirisano ya mafatshe, Phandu Skelemani a re tirisano ya go nna jalo e e tswang kgakala, pele ga lefatshe la Botswana le bona boipuso, e na le maduo mo mehameng ya botsogo, kgwebo, tshireletso, thuto le go thusa setshaba ka kakaretso.Rre Skelemani a re thuso e lefatshe la Botswana le tsweletseng go e fiwa ka ntlha ya tshwaragano ya makgotla a SADC/UK le ACP/EU e tsweletse ka go solegela Batswana molemo mo mehameng ya tshwaragano mo dikgaolong, kgwebo, go lwantsha HIV le AIDS, go fedisa lehuma le go tlhabolola botshelo jwa batho.A re lefatshe la Botswana le tsweletse ka go akola dithuso tsa madi go tswa kwa go ba ofisi ya boemedi jwa lefatshe la Britain mo Botswana. Dithuso tseo ke tsa go tlhabolola matshelo a Batswana jaaka Motse wa Badiri, Somarelang Tikologo le Kgetsi ya Tsie.Rre Skelemani o ne a netefaletsa batsenelela moletlo oo, ba bontsi jwa bone e neng e le ba lefatshe la Britain gore lefatshe la Botswana le ikaeletse go tiisa tirisano le botsala fa gare ga mafatshe ao.E rile fa a ntsha la gagwe, moemedi wa lefatshe la Britain mo Botswana, Mme Jennifer Anderson o ne a supa fa a itumeletse moletlo oo, a supa gore o tiisa tirisano fa gare ga ba lelwapa la bogosi jwa Britain le mafatshe a selekane.Princess Anne, le ene o ne le teng kwa moletlong oo morago ga gore a etele Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama pele le go baya dikgare fa ntle ga dikago tsa palamente.Dikgare tseo e ne e le segopotso sa Batswana ba ba neng ba lwela lefatshe la Britain ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi.Princess Anne o setse a kile a etela lefatshe la Botswana, gabedi. Queen Elizabeth II le ene o kile a etela lefatshe la Botswana gantsinyana, leeto gagwe la ntlha e le la ngwaga wa 1947.

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 1.3 1.4 1.5 1.6 CV Tsebe ya lephata la ditogamano le merero ya tsa mafatshe a sele.
  2. 2.0 2.1 [7] ^ "Mogae a tlhophiwa kwa khuduthamageng - difatlhego tse di lesome tse di sha - Bomme ba le batlhano", BOPA, November 10, 2004.
  3. 3.0 3.1 "Ipapatso ya Francistown botlhaba", BOPA, September 11, 2003.
  4. 4.0 4.1 "Skelemani a re batho ba tlhoka go itse", BOPA, October 23, 2003.
  5. Richard P. Werbner, Reasonable Radicals and Citizenship in Botswana (2004), Indiana University Press, page 25.
  6. "Mels' candidate fails to submit nomination", BOPA, October 7, 2003.
  7. "Skelemanio kopa nonofo e e rileng mo DCs, dikgosi, diofisi tsa babereki", BOPA, November 19, 2003.
  8. "Mogae o oketsa khudutlhamaga", BOPA, January 22, 2007.
  9. "Khama o koba matona a lae matlhano", Mmegi Online , April 2, 2008.

O ka tsibogela fetola

Botswana