Sekolo sa Botswana-Harvard AIDS

drugs kill

Sekolo sa Botswana-Harvard AIDS ke sa ditshekatsheko le ikatliso ka dithuto tsa bolwetse jwa HIV/AIDS. Se ikgolagantse le puso ya lefatshe la Botswana gape le Harvard AIDS Initiative. Maitlamo a sone ke go tsweledisa dipatlisiso ka bolwetse jwa HIV/AIDS. Se simolodisitswe ka ngwaga wa 1996.[1]

Tlhaloso ya mogare wa AIDS fetola

AIDS ke seemo sa bofelo sa go tsenwa ke mogare. Fa masole a a sireletsang mmele (CD4) a wela tlasetlase, bokgoni jwa motho go lwantsha mogare bo a fela. Godimo ga se, go na le malwetse mangwe a a tsenang batho ba ba nang le mogare wa HIV fa mmele o palelwa ke go itwela jaana- malwetse a a bidiwa a AIDS. Se ke seemo se se tsisiwang ke mogare wa HIV.

AIDS e metse Acquired Immuno-deficiency Syndrome

Acquired – e raya gore bolwetse ga o tsholwe ka jone mme bo nna teng fela motho a sena go tsholwa a amane le mogare o o bo bakang-HIV

Immunodeficiency – se se raya gore bolwetse jo bo tsena ka go koafatsa masole a mmele. Mogare wa HIV o koafatsa boiphemelo jwa mmele mme motho a lwale AIDS.

Syndrome – e raya setlhopha sa dikai tse mmogo di kayang bolwetse bongwe. Fa re bua ka AIDS, se se ka raya go tsenwa ke malwetse mangwe jaaka, kankere, le go koafala ga boiphemelo jwa mmele. Batho ba le bantsi ba ba nang le AIDS ba itekanetse fela sentle mme ba ka tshela dingwaga ba se na dikai dipe kana ba lwala malwetsenyana fela a e seng a sepe. Ba ka tswa ba na le mogare mme ga go reye gore ba na le AIDS. Morago ga lebaka mogare ole o a gola mme o bake malwetse mangwe a a tsamaelanang le AIDS. E re ntswa go na le diritibatsi tse di ka leelefatsang botshelo, AIDS yone e a bolaya. Maiteko a dipatlisiso go batla kalafi a tsweletse. Mo nakong eno, molemo o mogolo wa go laola seemo se, ke thibelo go tsenwa ke mogare.

Batho ba ba nang le mogare mo Botswana fetola

Ba sekolo sa Botswana-Harvard AIDS ba re dipalo tsa sechaba tsa kanamo ya mogare ke seelo sa lesome le bosupa mo lekgolong go ya ka tshekatsheko e e dirilweng ke ba kanamo ya mogare wa HIV (BAIS II, 2004), ya batho ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi, le go feta. Mo go bomme ba ba imileng, palo e e ne e le 33.4% ka ngwaga wa 2007, go ya ka ba Sentinel Surveillance. Go akanyediwa gore batho ba ka nna 330,000 bane ba tshela ka mogare wa HIV, ka ngwaga wa 2007, mme ga tlhokafala batho ba ka nna 8,185 ( 7,397 e le bagolo, bana ba le 788), ngwaga one oo. Palo yotlhe ya batho ba baneng ba tsaya diritibatsi tsa mogare gone ngwaga wa 2007 ke; 100,784 ( 94,533 e le bagolo, fa bana bone e ne e le 6,251).

Ba sekolo sa Botswana-Harvard AIDS ba tlhalosa ka nako ya gore mogare wa HIV o bake AIDS ke leng fetola

Mo bo gompienong nako e e sobokilweng, go tloga fela ya motho a tsenwa ke mogare, go fitlha ka ya go itshupa ga dikai tse di gogelang kwa go lemogiweng ga bolwetsi jwa AIDS, ke dingwaga tse di robangbobedi, go ya kwa go tse di lesome le bongwe. Nako e, e farologana fela thata go ya ka batho, mme e laolwa ke mabaka a mantsi, go akarediwa seemo sa botsogo jwa motho le boitsholo. Mo bogompienong, go na le diritibatsi tse di fokoditseng bogale jo mogare wa HIV o koafatsang seemo sa mmele sa itshireletdo ka jone. Go na le kalafi e nngwe e e ka thibelang, kana ya alafa mangwe a malwetsi a a amanang le bolwetsi jwa AIDS. Fa go itebagantswe le malwetsi a mangwe, go a lemosega go le gale, go a bo go na le sebaka se se ntsi sa gore a thibelwe a bo a alafiwe.

Metswedi fetola

  1. http://www.hsph.harvard.edu/bhp/about_us/index.html Botswana-Harvard AIDS Institute website, "About us", retrieved April 28, 2011.