Thuto Oaboloka Ramafifi (yo o tshotsweng ka Firikgong a tlhola gabedi ka ngwaga wa 1992) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa Motswana yo o tshamekang e le monosi wa dino.[1]

Botshelo jwa pele fetola

Ramafifi o ne a tshameka bolo-tloa fa a sa le mmotlana.[2]

Thuto fetola

Ramafifi o tsene sekolo kwa sekolong se segolo sa Ledumang mo Botswana.[3]

Tiro ya Setlhopha fetola

Ramafifi e ne ele monosi wa dino yo o gaisitseng wa NCAA Division II ka dino di le masome a mabedi le borataro.

Tiro ya bosechaba fetola

Ramafifi o tshameketse setlhopha sa bomme sa kgwele ya dinao sa Botswana mo go ipateleng phatlha kwa dikgaisanong tsa sejana sa lefatshe sa kgwele ya dinao ya bomme sa 2022.[4]

Mohuta wa tshameko fetola

Ramafifi thata-thata o tshameka e le monosi wa dino ebile gape o tlhalosiwa fa a agela tshameko ya gagwe mo go ya mogaka wa lepotokisi ebong Cristiano Ronaldo.[5]

Tiro ya botsamaisi fetola

Ramafifi o ne a tsenelela dithuto tsa ntlha tsa bokatisi tsa FIFA kwa Namibia le dithuto tsa bokatisi tsa botsipa jwa Premier mo Botswana.

Botshelo jwa gagwe fetola

Ramafifi o tlholega kwa Gaborone, Botswana.[6]

Metswedi fetola

  1. "From Dusty Grounds To USA with 'Thuto'". thegazette.news.
  2. "Ramafifi's long walk from Ledumang to Georgia". thepatriot.co.bw.
  3. "Ramafifi has made scoring look simple". mmegi.bw.
  4. "Ramafifi Returns For Mares". mmegi.bw.
  5. "Ramafifi flying high". The Voice.
  6. Student Spotlight: Thuto Ramafifi Albany State University.