Toropo ya Jwaneng

Coordinates: 24°35′53″S 024°43′45″E / 24.59806°S 24.72917°E / -24.59806; 24.72917

Jwaneng ke toropo e e mo kgaolong ya Borwa jwa Botswana, mme ga e bontlha bongwe e, ka go nna kgaolwana, ka lekgotla la yone. [1]

Jwaneng is located in Botswana
Jwaneng
Jwaneng
Location in the Southern District of Botswana

Ditso fetola

Toropo e e tlhamilwe go dikologa moepo wa teemane wa Jwaneng, o o tsewang e le mengwe ya meepo e e humileng mo lefatsheng ka bophara ka diteemane tsa one tsa maemo a a kwa godimo. Pele e ne e le "toropo e e tswalegileng", se se raya gore fa motho a botla go ya teng o ne a tlhoka teseletso go tsweng kwa beng ba moepo, Debswana.

Dipalamo fetola

Toropo le moepo di ne di direlwa ke kompone ya dipalamo tsa difofane ya Jwaneng.

Jwaneng o gatela pele fetola

Mothusa Ratoropo wa pele wa Jwaneng, Rre Moshe Gare a re toropo ya Jwaneng e gatetse pele mo ditlhabololong di tshwana le dikole, dikokelwana le mafelo a mnagwe a setshaba se bonang dithuso mo go one. A re dikole tsa Jwaneng tse dikgolwane di tsweletse ka go dira bontle fela thata. Rre Gare a re mo bogompienong, toropo ya Jwaneng e na le dikokelwana di le tharo nngwe ya tsone e le e e belegisang. A re dikokelwana tse ga di a itebaganyana le banni ba toropo eo fela, mme di thusa le ba metsana e e mabapi. O tlotlomaditse lefelo le le tlhokomelang bana la Mpule Kwelagobe Childrens Centre a re le thusa bana, sebe sa phiri ke gore le lenabwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo, mme a gwetlha Batswana ka kakaretso go otlolola letsogo go thusa. A re go na le bana ba ba fetang masome a mabedi ba ba santseng ba letile go ya go nna teng mme ka ntata ya letlhoko ga go ise go kgonege. Tse dingwe ditlhabololo a re ke tse di tsisitsweng ke dikompone tsa Cut 8 tse di hirilweng ke moepo wa Debswana.A re dikompone tse di tlhamile mebereko e bile di tsisitse ditlhabololo.Rre Gare o supile fa nako ya boipuso e le sebaka se Batswana ba tshwanetseng go ikanoka ba lebe kwa ba go tswang le kwa ba go yang.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Dipadi tse dingwe fetola

  1. Melao ya Botswna, lephata la selegae.

Tempolete:Botswana largest cities

 Pego e, e nnyane. O ka thusa Wikipedia ka go e oketsa.