Wikipedia:Today's featured article

bana ko sekolong sa primari ko Paris

Go ya ka tsa boitsanape ngwana kgotsa bana fa bale mokawana: tota fela go tewa motho yo o fa gare ga dipaka tsa go belegwa le go tsena mo seemong sa go nna rre kgotsa mme. Dingwe tsa ditemeditlhalosa ngwana go simolola fa a ise a belegwe. Tlhaloso ya ngwana e e ka fa molao e tlhalosa fa "ngwana" e le motho yo mopotlana, fa gongwe lebilwe dingwaga "Ngwana" fa gongwe o ka tlhalosa tomagano le motsadi kgotsa selthopha sa batho mo go ka bitswang gotwe ke lekgotla kgotsa tumelo; gape o ka kaya go amiwa thata ke dinako dingwe, mafelo, kgotsa dikgwetlho.

Lekgotla la dtshaba la United Nationsmo kwatlabolotsong ya ditshwanelo tsa ngwana e tlhalosa fa ngwana e le "motho yo dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le boferabobedi kgotsa fa e le sengwe Molao o tshwanetse wa amangwa le ngwana". Se se letleletswe ke mafatshe a le 192 mo go a le 194 a e leng maloko. Ditlhaloso gingwe tsa teme ya seja tlhapi e ditlhalosa lefoko "ngwana" go simolola fa a setse a sa belegwa. Ka tsa boitsanape ngwana ke mongwe le mongwe yo a fagare ga paka ya go belegwa le go gola kgotsa mongwe yo o mo pakeng ya go gola ya bongwana. Bana bana le ditshwanelo tsa palo e ko tlase gona le bagolo ka gore go lemogiwa ga ba sena maikarabelo a go tsaya ditshwetso tse di rileng, gape ba tshwanetse gore ka nako tsotlhe ba bo bale ka fa tlase ga tlhokomelo ya mogolo yo o nang le boikarabelo. ►Read more