Aforika Borwa: Difference between revisions

Content deleted Content added
Milktaco (bua | dineelo)
No edit summary
Milktaco (bua | dineelo)
No edit summary
Tselana 27:
}}
 
'''Aforika Borwa''', kgotsa '''Rephabuliki ya Aforika Borwa''' ka semmuso, ke naga e e kwa borweng ba Afroika. Lebopo la naga e le dikilomitara di ka nna 2,798, go tloga borwa ba lewatle la Atlantic le la India. Mme bokoneng gona naga e e bapile le naga ya [[Botswana]], [[Namibia]], le [[Zimbabwe]]. Go leba botlhaba gona, e bapile le naga ya Mozambique le Swaziland]]. [[Lesotho]] lona le akareditswe ke Aforika borwa matlhakoreng otlhe. Aforika Borwa ke naga ya bo 25 mo lefatsheng go ya ka bogolo ba lefatshe, mme ke naga ya bo 24 go ya ka palo ya batho. Aforika Borwa e na le batho ba ba ka nnang 54 million (2015).
 
Aforika Borwa ke naga e e nang le merafe e mentsi ya batho, ditso tse di farologaneng, maleme le bodumedi bo bo farologaneng. Se ke sona se dirang gore Aforika Borwa e bitswe '''Naga ya Molala Tladi''' (Rainbow Nation). Go na le maleme a le somenngwe a semmuso mo nageng e.