Diprofense tsa Aforika Borwa

Aforika Borwa e arogantswe ka diprofense di le robongwe. Letsatsi pele ga ditlhopho tsa naga tsa 1994, magae a Aferika Borwa ane a bitswa Bantustans, a ne a kopantshwa le di profense tse nne tse ne di le teng, mme Aferika Borwa ya arogantshwa ka diprofense dile robongwe. Phetolo ya bo somepedi, sometharo, le ya bo somethataro ya Constitution ya Aferika Borwa e na ya fetola dibotara tsa diprofense di le supa.

Diprofense tsa Aforika Borwa
CategoryUnitary state
LocationRiphabuliki ya Aforika Borwa
Number9 diprofense
Populations1,145,861 (Northern Cape) – 12,272,263 (Gauteng)
Areas47,080 km2 (18,178 sq mi) (Gauteng) – 372,890 km2 (143,973 sq mi) (Northern Cape)
GovernmentProvincial government, National government
SubdivisionsDistricts

Histori fetola

 
Diprofense ka nako e Union ya Aferika Borwa e ne e tlhangwa ka ngwaga wa 1910

Union ya Aforika Borwa e na ya tlhangwa ka ngwaga wa 1910 ka go kopantsha dikoloni tse nne tsa Brithani: Cape Colony, Natal Colony, Transvaal Colony, le Orange River Colony. Transvaal Colony le Orange River Colony e ne ele diriphabuliki tse di ikemetseng pele ga Boer War ya Bobedi, di bitswa South African Republic le Orange Free State. Dikoloni tse nne tse, e ne ya nna tsona di profense tsa mathomo tsa Union: Cape Province, Transvaal Province, Natal Province, Orange Free State Province.

 
Diprofense le magae, ka nako ya tlhalo ya mmala (Apartheid)

Tlhophollo le tlhaolo ya batho ba ba ntsho e simolotse ka ngwaga wa 1913, batho bantsho ba ne ba dumeletswe go nna le lefatshe fela mo mafelong a a tlhophilweng, lefatsa lotlhe la batho bantsho e ne e le fela 13% ya naga yotlhe. Go tloga ka di 1950s, lefatshe le la batho bantsho le ne la fetolwa go nna "magae", kapa "Bantustans". Di le nne tsa di Bantustan tse, di ne tsa dirwa go nna dinaga tse di ikemetseng tsa batho bantsho ka nako ya tlhaolo ya mmala. Ka ngwaga wa 1976, bantustan ya Transkei e ne ya amogela go ikemela go tswa go Aferika Borwa, le ga dinaga tse dingwe tsa lefatshe di ne di sa dumalane le se. Bophuthatswana, Venda, le Ciskei, le tsone di ne tsa tlhopha go ikemela, ka 1977, 1979, le 1981 ka tatellano

Ka letsatsi la 27 Moranang 1994, letsatsi la ditlhopho tsa mathomo tse di senang tlhophollo ka mmala, le kamogelo ya Constitution ya nakwana, tsotlhe diprofense le magae di ne tsa tloswa, mme diprofense tse robongwe, tse re di itseng kajeno, tsa tlhangwa.

Golomente fetola

 
Johannesburg City Hall, setulo sa  Gauteng Provincial Legislature

Matla a golomente ya profense a fokoditswe go lebana le dilo tse di leng ka mo constritution ya naga. Tse dingwe tsa dilo tse ke :  temothuo, thuto, boitekanelo le tsa matlo a sechaba – matla a profense a arogantswe le a golomente ya bosetshaba, e e nang le tumello ya go dira melao le melawana e golomente ya profense e ka e latelang; mme mo tse dingwe golomente ya profense e na matla otlhe.[1]

Diprofense tsa Gompieno fetola

Folaga Profense Moshate Toropo-kgolo Lefatshe [2] Palo ya Batho(2011) [3] Kgotlhagano ya Batho (Density) (2011) Human Devel. Index (2003) [4]
  Eastern Cape Bhisho Port Elizabeth 168,966 km2 (65,238 sq mi) 6,562,053 38.8/km2 (100/sq mi) 0.62
  Free State Bloemfontein Bloemfontein 129,825 km2 (50,126 sq mi) 2,745,590 21.1/km2 (55/sq mi) 0.67
  Gauteng Johannesburg Johannesburg 18,178 km2 (7,019 sq mi) 12,272,263 675.1/km2 (1,749/sq mi) 0.74
  KwaZulu-Natal Pietermaritzburg Durban 94,361 km2 (36,433 sq mi) 10,267,300 108.8/km2 (282/sq mi) 0.63
  Limpopo Polokwane (Pietersburg) Polokwane 125,754 km2 (48,554 sq mi) 5,404,868 43.0/km2 (111/sq mi) 0.59
  Mpumalanga Nelspruit Nelspruit 76,495 km2 (29,535 sq mi) 4,039,939 52.8/km2 (137/sq mi) 0.65
  Bokone Bophirima Mahikeng (Mafikeng) Rustenburg 104,882 km2 (40,495 sq mi) 3,509,953 33.5/km2 (87/sq mi) 0.61
  Northern Cape Kimberley Kimberley 372,889 km2 (143,973 sq mi) 1,145,861 3.1/km2 (8.0/sq mi) 0.69
  Western Cape Cape Town Cape Town 129,462 km2 (49,986 sq mi) 5,822,734 45.0/km2 (117/sq mi) 0.77
  Riphabuliki ya Afrika Borwa Pretoria, Cape Town, Bloemfontein Johannesburg 1,220,813 km2 (471,359 sq mi) 51,770,560 42.4/km2 (110/sq mi) 0.67

Footnotes:

† Dipalopalo tse ga di akaretse Prince Edward Islands (335 km2 (129 sq mi), ga gona baagi ba leruri), eleng mafatshe a Aferika Borwa kwa sub-Antarctic Indian Ocean , mme e le karolo ya profense ya Kapa Bowela ka mabaka a semolao le a ditlhopho.
‡ Pietermaritzburg le Ulundi e ne e le moshate o o kopanetsweng wa Kwazulu-Natal go tloga ka 1994 go fitlha ka 2004.

Dikarolo tsa Administration tsa maloba fetola

Province Capital Peak population
Cape of Good Hope (1910-1994) Cape Town 6,125,335
Natal (1910-1994) Pietermaritzburg 2,430,753
Orange Free State (1910-1994) Bloemfontein 2,193,062
Transvaal (1910-1994) Pretoria 9,491,265
Homelands Capital Peak population
Bophuthatswana (1977-1994) † Mmabatho 1,478,950
Ciskei (1972-1994) † Bisho 677,920
Gazankulu (1971-1994) Giyani 954,771
KaNgwane (1981-1994) Louieville

Schoemansdal(de facto)

779,240
KwaNdebele (1981-1994) KwaMhlanga 404,246
KwaZulu (1981-1994) Nongoma(till 1980)

Ulundi(1980-1994)

3,400,000
Lebowa (1972-1994) Lebowakgomo 2,740,587
QwaQwa (1974-1994) Phuthaditjhaba 342,886
Transkei (1976-1994) † Umtata 2,323,650
Venda (1979-1994) † Thohoyandou 558,797
Mandates Capital Peak population
South-West Africa Windhoek -

Footnotes:

† Magae a ne a ikemetse ka bo ona.

References fetola

  1. 'Constitution of the Republic of South Africa, 1996, "Chapter 6: Provinces".
  2. Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. p. 9. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-03-01.
  3. Census 2011: Census in brief. Pretoria: Statistics South Africa. 2012. p. 18. ISBN 9780621413885. Archived from the original (PDF) on 2018-12-25. Retrieved 2016-03-01.
  4. Adelzadeh, Asghar; et al. South Africa Human Development Report 2003 (PDF). Cape Town: Oxford University Press. p. 282. ISBN 978-0-19-578418-3.