Zambia ( /ˈzæmbiə/), yo o itsegeng lefatshe ka bophara ka leina la lefatshe la Zambia, ke lefatshe le le dikaganyeditsweng ke mafatshe a mangwe. Mafatshe a mabapi ke la Congo mo bokone, Tanzania mo bokone botlhaba, Malawi mo botlhaba, Mozambique, Zimbabwe, Botswana le Namibia mo borwa, le Angola mo bophirima. Toropo kgolo ke Lusaka, e e bonwang kwa borwa bogare jwa lefatshe. Palo tsa batho di kitlanye thata mo toropo kgolong ebong Lusaka mo borwa le kwa kgaolwaneng ya Copperbelt Province go ya bokone bophirima.

Zambia

Republic of Zambia (Sekgowa)
Icalo ca Zambia (Bemba)
Cisi ca Zambia (Tonga)
Naha la Zambia (Lozi)
Dziko la Zambia (Nyanja)
Charu cha Zambia (Tumbuka)
Flag of Zambia
Folaga
Coat of arms of Zambia
Sekano sa setshaba
Motto: "One Zambia, One Nation"
Diteme tsa semmusôSekgowa
Demonym(s)Zambian
Fatshe
• Total
752,617 km2 (290,587 sq mi) (38th)

Ka kgwedi ya Phalane a tlhola masome a mabedi le bone ngwaga wa 1964, lefatshe le ne la tsaya boipuso jwa lone go tsweng kwa lefatsheng la United Kingdom mme tona Rre Kenneth Kaunda o ne a tswengwa mo stlilong sa botautona.Phutlhego ya Kaunda's socialist United National Independence Party (UNIP) e ne ya tsaya marapo a go busa go tsweng ka ngwaga wa 1964 go ya kwa go wa 1991. Go tsweng ka ngwaga wa 1972 go ya kwa go wa 1991 lefatshe la Zambia e ne e le lefatshe la phutlhego e ngwefela, maikaelelo a se e ne e le go kopanya lefatshe go nna lengwefela ka sekano sa 'Zambia o mongwefela, lefatshe le lengwefela'. Kaunda o ne an fengwa ke Frederick Chiluba wa phuthego ya social-democratic Movement for Multi-Party Democracy ka ngwaga wa 1991,ka yone nako e lefatshe la Zambia le ne la nna le kgolo ya itsholelo ka selekanyo se se kwa godimo[1].

Dipolotiki fetola

Dipolotiki tsa lefatshe la Zambia ke tsa puso ya batho ka batho,ke gore tautona o itlhophelwa ke batho go ya ka ditlhata le go rata ga bone mme se se raya fa tautona a tlhophilwe o etelela lefatshe le yone khudutlhamaga tota.Tautona wa gompieno ke Rre Sata yo fentseng ditlhopho ngwaga yo o fitileng.E re le fa go ntse jalo seemo sa sepolotiki ga se se jesang diwelang mo nakong ya gompieno ka gore batho ba belaela gore go ka tswa go ile ga nna le maretshwa a tsietso[2].

Puo fetola

Puo e e buiwang molefatsheng la Zambia ke Sekgowa, se se dirisiwang mo fa go buiwa ka tswa kgwebo le gape se dirisiwa mo dikolong go ruta baithuti. Teme e e buiwang mo mafelong mangwe jaaka toropo ya Lusaka,ke puo ya Nyanja.Le fa go ntse jalo, Bemba le Nyanja di buiwa gantsi kwa ditoropong le mo mafelong a a tlhabologileng jaaka Zambia. Tse dingwe di akaretsa Kaounde, Tonga, Lunda le Luvale, tse g gasiwang ka tsone mo dithulaganyong tsa sesupa ditshwantsho sa Zambia National Broadcasting Corporation (ZNBC).Palo ya dipuo tse di buiwang mo lefatsheng la Zambia di masome a bosupa le bosupa[3].

Seemo sa Bosa fetola

Lefatshe la Zambia le mo kgaolong ya borwa bogare jwa Aferika ka jalo go nale selemo se se nang le dipula le mogote yo o kwa godimo mme e re mariga go nne le mariga a a boitshegang a ka dipula tse d phataletseng.Seemo se se rotloetsa dilo di tshwana;e temo thuo mme se se godise kgotsa se tlhabolola itsholelo ya lefatshe.


Metswedi fetola

</noinclude>