Kasane ke toropo ya mo Botswana, ee bapileng le kwa mafatsheng a le mane a Aferika a kopanelang teng ebong: Botswana, Namibia, Zambia le Zimbabwe. E kwa bokone botlhaba jwa lefatshe la Botswana kwa e okametseng bogare jwa kgaolwana ya Chobe . Palo ya batho ba Kasane e ne e le makgolokgolo a supa, makgolo a marataro le masome a mararo le borobabobedi mo palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Kasane
Local tourist resort
Local tourist resort
Location of Kasane in Botswana
Location of Kasane in Botswana
Country Botswana
DistrictNorth-West District
Palo batho
 (2001)[1]
 • Total7,638
ATM's in Kasane

Ka bokhutshwane Kasane o simolotse go itsege lefatshe ka bophara jaaka lefelo la go ntshafatsa nyalo ya ga Mme Elizabeth Taylor le Richard Burton, ka ngwaga wa 1975.

Tsa mesepele fetola

Toropo e, e fa thoko ga borwa jwa lotshitshi lwa noka e e tona ya Chobe e e tlhamang mololwane wa lefatshe la Namibia kwa sebateng sa lefatshe leo. Setlhakatlhake sa Namibia sa Impalila se lebaganye le toropo mo bokone jwa lotshitshi la noka, gape go nale mololwane oo kgabaganyetsang kwa Lefatsheng la Namibia ka mokoro.[2] Go tloga dikhilomethara tse di borobabobedi mo botlhaba jwa Kasane go motsana wa Kazungula,kwa lefatshe la Botswana golebaganyeng le noka ya Zambezi go tloga fa e kopanang teng le noka ya Chobe. Fa mololwane wa Kazungula o direlang mekoro ya Kazungula e e kgabaganyetsang kwa motsaneng wa Kazungula mo Zambia kwa botlhaba jwa lotshitshi lwa noka ya Zambezi. Go bapa le mololwane wa bobedi go tsela ee tswelang ntlheng ya lefatshe la Zimbabwe e e yang dikhilomethara tse di masome a bosupa mo botlhaba jwa lephothophotho la Victoria .

Kasane o kwa bofelong jwa tsela e e tswang toropong ya bobedi ebong Francistown, le ya ntlha ya lefatshe la Botswana ebong Gaborone. Go na le tsela ee tswelang kwa mololwaneng wa lefatshe la Namibia dikhilomethara tse di masome a matlhano le motso ko Ngoma.

Kasane o kwa bokone botlhaba jwa molelwane wa lefelo la diphologolo la Chobe. Kgolaganyo ya ditsela le yone, e dira gore go nne motlhofo gore bajanala ba kgone go ya lefelong le la diphologolo. Lefelo la diphologolo le mo teng ga makgobokgobo a Okavang, a lomaganeng le lefatshe la Namibia le bontlenyane jwa Mosi wa Thunya (Victoria Falls) ko lefatsheng la Zimbabwe.

Mo toropong ye, gona gape le tsa mesepele ya difofane, ka jalo bajanala gotswa kgakala ba ka dirisa tsone ka ebile di le bofefo gona le dipalamo tsa tsela

Ditlamelo fetola

Kasane o nale mafelo a bothibelelo le a borobalo (aa itebagantse le kgwebo ya maroko le go bona diphologolo). Mafelo a a neela mesepele ya go ya mafelong a diphologolo a Chobe malatsi otlhe, le go tsamaya ka mekoro mo nokeng ya Chobe.[3]

Banka tsa bo Barclays, First National, Stanbic le Standard Chartered le tsone di na le ditlamelo tse di thusang ka tsa madi.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

  • Kasane

Dipadi fetola

  1. 1.0 1.1 "Population of Towns, Villages and Associated Locatlities" (PDF). 2001 Population and Housing Census. Gaborone: Central Statistics Office. April 2002. p. 141. Retrieved 5 September 2009.
  2. Chris McIntyre (2010). Botswana. Bradt Travel Guides. pp. 193–193. ISBN 978 1 84162 308 5.
  3. "Kasane Lodges". Archived from the original on 2011-09-27. Retrieved 2011-10-29.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Kasane Botswana/Kasane