Tati African Football Independent Club e e tsegeng ka leina la TAFIC, ke setlhopha sa kgwele ya dinao mo Francistown, Botswana. Setlhopha se se tlhomamisitswe kwa Botswana Premier League go ya kwa First Division North ka gaga wa 2014.[1] Setlhopha se se itsege thata ka leina la Matjimenyenga, tse tsamaisediwa mo mafelong a sa tureng a kwa Maipaafela le Kgaphamadi. Setlhopha se ikategile ka molaetsa o reng "Undipe ndi nupe". Setlhopha se simolotse ka ngwaga wa 1959 kwa metshamekong ya bone ya pula madibogo e itsegeng thata a leina la TAFA football club. Tshedimosetso kwa basimolodi ba TAFIC, e ne e itsege pele ka leina la Sharp Shooters mo di ngwageng tsa tshimologo ya setlhopha tse di tshwaretsweng kwa Kgaphamadi. Ba ile ba tlhatlhoswa maemo fa ba nna bo mmapudi ba elite league ka ngwaga wa 2016 go ya ko ngwageng wa 2017 kwa ba ileng ba tlhomamisiwa gore ba tla tshameka kwa metshamekong e e latelang. Setlhopha se tshameka kwa Botswana Premier League mo bo gompeinong.

Ditlotla fetola

  • Botswana FA Challenge Cup[2] 2002

Debswana First Divsion North League (FDN) 2016/17[3]

  1. King, Ian; Stokkermans, Karel (4 September 2014). "Botswana 2013/14". Rec.Sport.Soccer Statistics Foundation (RSSSF). Retrieved 4 April 2015. "Debswana First Division North". Botswana Football Association. Archived from the original on 9 April 2015. Retrieved 4 April 2015.
  2. Schöggl, Hans (4 December 2014). "Botswana Cup Winners". Rec.Sport.Soccer Statistics Foundation (RSSSF). Retrieved 4 April 2015.
  3. Schöggl, Hans (4 December 2014). "Botswana Cup Winners". Rec.Sport.Soccer Statistics Foundation (RSSSF). Retrieved 4 April 2015.