Amapiano

Mmino o dirilwe mo Aforika Borwa

Amapiano ke lefoko la seXhosa le le rayang Piano, Amapiano ke mofuta wa mmino wa house o o simolotseng ko Aforika Borwa[1] ka ngwaga ya 2012.[2] Ke motswako wa mmino wa deep house, jazz, mme tota le mmino wa lounge o o kopantsitsweng ka mekhgwa e entle. E farologanngwa ka melodi ya piano ya modumo o leng kwa godimo, le di tshipi tsa mmino wa kwaito, mme gape e farologanngwa ke modumo o wa kwa tlase wa mmino wa house wa di ngwaga tsa bo 90s ko lefatsheng la Aforika Borwa, le meropa e e tswang mo mofuteng o mongwe wa selegae o o itsegeng jaaka Bacardi.

fetola

Le fa mofuta o no wa mmino o simolotse ka go tuma thata kwa Katlehong, toropo e e kwa botlhaba jwa Johannesburg, go na le go sa tlhaloganyesege le kganetsano e ntsi mabapi le tshimologo ya one, go nale mefuta ya mmino e farologaneng mo ditoropong tsa Johannesburg, Soweto, Alexandra, Vosloorus le Katlehong. Ka ntlha ya go tshwana ga mofuta ono le Bacardi, batho bangwe ba re mofuta ono o simolotse kwa Pretoria.[3][4][5] Dipego tse di farologaneng tsa gore ke mang yo o bopileng mofuta wa mmino o di dira gore go nne thata gore go itsewe gore o tlhamilwe ke mang.[6]

Karolo e e botlhokwa ya mofuta ono ke tiriso ya "log drum", tlhamego e go tweng e dirilwe ke Mdu aka TRP. Kabza De Small yo e neng e le mmulatsela wa Amapiano o ne a re:

Ga ke itse se se diragetseng. Ga ke itse gore o lemogile jang log drum. Mmino wa Amapiano ga o bolo go nna teng, mme ke ene yo o tlhamileng modumo wa log drum. Basimane ba ba rata go lekeletsa. Ba nna ba tlhatlhoba di-plug-in tse disha. Ka jaalo fa Mdu a lemoga seno, o ne a taboga le sone.[7]

Badiragatsi le diDJ fetola

Ga o batla go bona palo ya badiri ba mmino wa amapiano, baopedi le diDJ bona baopedi ba amapiano.

GoTuma fetola

Ka ngwaga wa 2019, mofuta wa mmino wa amapiano o ne wa tuma lefatshe ka bophara mo Aforika e ne ya nna mmino o rediwang thata ko Borwa jwa Aforika.[8]

Metswedi fetola

  1. "The Yanos Plug: Amapiano to The World". The Yanos Plug. Retrieved 2021-10-29.
  2. "Amapiano - what it's all about?". musicinafrica.net. Retrieved 2021-01-30.
  3. "Amapiano: a township sound with staying power". TimesLIVE. Retrieved 2019-10-29."Amapiano: a township sound with staying power". TimesLIVE. Retrieved 2019-10-29.
  4. Joyce, Liam Karabo (23 October 2019). "Meet the vocalist featured on the biggest amapiano tracks". Independent Online. Retrieved 1 November 2019.Joyce, Liam Karabo (23 October 2019). "Meet the vocalist featured on the biggest amapiano tracks". Independent Online. Retrieved 1 November 2019.
  5. "Amapiano a new movement... Period". SowetanLIVE. Retrieved 2019-10-29."Amapiano a new movement... Period". SowetanLIVE. Retrieved 2019-10-29.
  6. "Charting the Meteoric Rise of South Africa's AmaPiano". Spotify. 2019-10-02. Retrieved 2019-10-29.
  7. (in en) "Kabza De Small and MDU aka TRP set to release 50-track album [listen"], https://www.thesouthafrican.com/culture/music/kabza-de-small-mdu-aka-trp-pretty-girls-love-amapiano-50-tracks/, retrieved 2022-01-10 
  8. Machaieie, Mario (2019-10-21). "2019 The Year Of The Yanos, How Amapiano Blow up". Online Youth Magazine | Zkhiphani.com (in American English). Retrieved 2019-10-29.