Andrew Maatla Motsomi

Andrew Maatla Motsomi ke moitsanape wa tsa itsholelo ebile gape ke mogolwane wa tsa pereko mo Botswana , yo o berekang ele moeteledi pele mogolo kwa Debswana Diamond Company Limited, e eleng yone kompone e kgolo e e epang teemane mo lefatsheng ka bophara.O tlhomilwe mo maemomg a ka kgwedi ya Motsheganong mo ngwageng wa 2022 ale mo konterakeng ya ngwaga tse tlhano. O simolotse go berekela mo ofising e ka Seetebosigo a rogwa mo ngwageng ole mongwe fela.[1]

Andrew Maatla Motsomi
LetsoMotswana
Ke moBotswana
Thutobachelor's degree in Economics and Accounting
TiroEconomist and Corporate Executive
Dingwaga tsa a le mo tirong1984-present
MohiriDebswana Diamond Company Limited

Dithutego fetola

Motsomi ke Motswana ka pelegi.O nale digarata mo go tsa itsholelo le tupo dibuka tsa madi go tswa Unibesiti ya Botswana.O ne a tswelela ka go ithutela go nna morutabana wa tsa go baakanyetsa le kgodiso ya tsa itsholelo (Postgraduate Diploma in Economic Development and Planning) go tswa mo sekolong se segolwane sa African Institute for Economic Development and Planning kwa Dakar, Senegal.Digarata tsa gagwe tsa bommantswitswidi mo go tsa itsholelo o di tsere kwa Unibesiting ya Victoria kwa lefatsheng la Manchester.[1]

Tsa Pereko fetola

Ka ngwaga wa 2016 ,Tautona wa Botswana wa nako eo, Ian Khama, o ne a thapa Motsomi go nna mothusa mookamedi wa banka ya Botswana,go simologa Thakole a le bongwe.[2] E rile a santse ale ko bankeng, o ne a emela kgaolo ya Botswana ele modulasetilo wa Botswana Institute for Development Policy Analysis.O ne gape a bereka ka nakwana mo International Monetary Fund mo boemong jwa Botswana.Pereko ya gagwe kwa Bank of Botswana e fitile ngwaga tse masome a mararo le botlhano.[3]

Motsomi o ne a tsaya maemo a go nna mookamedi mogolo wa tsa madi mo komponeng ya Debswana go tswa mo go Lynnette Armstrong, yo a neng ele mookamedi yo mogolo wa kompone go simolola ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2019 go ema ka Motsheganong ngwaga wa 2022.[1][3][4]

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 1.2 De Beers Group (22 May 2022). "Debswana Diamond Company appoints Andrew Maatla Motsomi as Managing Director".. London, United Kingdom. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2022.
  2. Botswana Daily News (8 February 2016). "Botswana: Botswana: Motsomi Is Deputy Governor BoB" (via AllAfrica.com). Daily News Botswana. Gaborone, Botswana. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2022.
  3. 3.0 3.1 Rob Bates (27 May 2022). "Debswana Appoints New Managing Director". JCKOnline.com. New York City. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2022.
  4. Sam Lewis (30 May 2022). "De Beers selects 'ideal' candidate for Debswana MD role". ProfessionalJeweller.com. London, United Kingdom. Retrieved 18 Ngwanaatsele 2022.

Dipadi tse dingwe fetola