Born a Crime: Stories from a South African Childhood ke buka ya metlae e e buang ka botshelo ebile e kwadile ke rra metlae wa mo Aforika Borwa Trevor Noah, e e gatisitsweng ka ngwaga wa 2016. Buka e e itebagantse le go golela kwa Aforika Borwa ga ga Noah a tsholetswe mo bokopanong jo bo neng bo sa letlelesege ka fa molaong jwa batho ba ditso le mebala e e farologaneng ka nako ya puso ya tlhaolele. Buka e e ne ya nna e e rekisitsweng thata mme ebile e amogetse dikakgelo tse di molemo di le dintsi.

Born a Crime: Stories from a South African Childhood
Setshwantsho:Born a Crime by Trevor Noah (book cover).jpg
MokwadiTrevor Noah
TemeEnglish
MofutaAutobiography
ModiriSpiegel & Grau
Letsatsi le dirilweng ka lone
November 15, 2016
Media typePrint (Hardback)
Pages304
ISBN978-0-399-58817-4

Pego ya ditiragalo fetola

Buka e e fa ka botlalo maitemogelo a ga Trevor Noah fa a gola kwa Johannesburg South Africa ka nako ya mmuso wa tlhaolele. Batsadi ba ga Noah e ne e le rre o mosweu wa lotso lwa Swiss-German, mme mmagwe e le motho montsho wa mo Xhosa; ka nako e Trevor Noah a neng a belegwa ka ngwaga wa 1984, go ratana ga batho ba ditso le mebala e e farologaneng go ne go se ka fa molaong. Go ya ka Noah, go tsholwa a tlhakantse ditso le mebala e ne e le go tsholwa a le molato.[1] Go ratana ga batho ba ditso le mebala e e farologaneng go ne ga nna mo molaong morago ga paakanyo ya molao ka ngwaga wa 1985. Jaaka motho o o tlhakantseng ditso le mebala, Noah o ne a bidiwa "wa mmala" go tsamaisana le puso ya tlhaolele ya semorafe. Noah o godisitswe ke mmagwe le lolwapa lwa gagwe kwa Soweto.

Bontlha jo bogolo jwa buka e ke go galaletsa mmagwe Noah e bong Patricia Nombuyiselo o o goletseng mo ntlong ya mmu le batho ba bangwe ba le lesome le bone. Noah o supa mmagwe e le motho o o tlhogo e thata, o o seng boi ebile a ruta ka botswapelo. E ne e le mme wa tumelo o o neng a tsamaya le morwawe kwa dikerekeng di le tharo ka letsatsi la Tshipi, merapelo ka Labobedi, dithuto tsa baebele ka Laboraro le kereke ya basha ka Labone, le fa batho bantsho ba ne ba ba tsositse diphuduego mo ditseleng batho ka bontsi ba tshabela mo malwapeng a bone.[2]


Buka e e simologa ka Noah fa a santse a le mmotlana a latlhelwa kwa ntle ga khombi ke mmagwe ka a ne a kanya gore mokgweetsi o neng e le mo Aforika Borwa go tswa kwa morafeng o sele o a go ba bolaya. Noah o supa kgolo mo botsalanong le mo tlhaloganyong ka go nna majato go dirisa boitseanape jwa dipuo go sutlhelela gore a amogelesege e ntswa e le ngwana o o tlhakantseng merafe. Le ntswa a goletse mo lehumeng, o ikemela ka nosi ka go dira madi ka go rekisa di CD tse di sa letlelelweng, kwa sekolong le mo ditseleng tsa tikologo ya Alexandra. Noah o supa dikgetlho tsa go nna le rragwe wa bobedi e bong Abel o neng a ba sotla. Mo go tse tsotlhe mmagwe o ne a supa lorato ka go gagamatsa lebogo le go otlhaya ga bogologolo.[3] Fa Noah a ne a tshwarwe ke ba sepodise a kgweetsa koloi e e sa letlelelwang a e tsere kwa maberekelong a ga Abel ntle le tetla, o supa fa a ne a tshogile gore o a go ya kgolegelong, mme mmagwe a baya molao ka tshenyo le kotlhao. Buka e fela ka poelelo ya go thuntshiwa mo tlhogong ga ga Patricia ke Abel fa Patricia a ne a boa kwa kerekeng le ba lolwapa la gagwe, mme ka kgakgamatso a kgona go tshela.

Go amogelesega ga buk fetola

Buka e ya Born A Crime e e gatisitsweng ka Ngwanatsele ka ngwaga wa 2016,[4] e amogelesegile mo basekaseking ba dibuka kwa United States.[2][1][3][5] E nnile buka e e rekisitsweng thata go ya ka New York Times, mme ebile bone le ba Newsday, Esquire, NPR le Booklist [5] ba e supa fa e le nngwe ya dibuka tse di gaisitseng mo ngwageng oo. Ka ngwaga wa 2017 o simologa, setlhogo sa yone se ne sa dirisiwa e le ntlha e e thusang mo motshamekong wa Crossword Puzzle wa New York Times,[6] mme ya dirisiwa gape ka ngwaga wa 2019[7] le wa 2020.[8]


Motlhomamolao wa ko United States Tammy Duckworth o supile fa Born A crime e le buka e e mo rotloeditseng go kwala buka ya botshelo jwa gagwe ka ngwaga wa 2021 ya Every Day is a Gift, e mo go yone a buang ka maitemogolo a gagwe jaaka ngwaga wa rre o mosweu wa mo Amerika le mme wa lotso lwa Thai. [9]Mohumagadi wa ga tautona Biden ebong Jill Biden o e leng moporofesa kwa sekolong sa Northern Virginia Community College o supile fa Born A Crime e tlhoka go balwa mo dithutong tsa sekgoa.[10]

Phetolelo mo sethwantshong sa motshikinyego fetola

Ka ngwaga wa 2018, go ne ga begwa fa buka e e tla fetolwa go nna setshwantsho sa motshikinyego, badiragatsi e le Lupita Nyong'o a dira e le mmagwe Noah e bong Patricia. Noah o ne a tshwanetse go nna motlhagisi wa setshwantsho seo mo komponeng ya gagwe ya Ark Angel Production.[11] Ka Mopitlo ngwaga wa 2018, Liesl Tommy o ne a thapiwa go nna mokaedi [12]mme Paramount Players ba nne batlhagisi ba setshwantsho seo.

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 Darden, Jeneé (2017-02-18). "Born a Crime: A Memoir of Love, Hope, and Resistance". Los Angeles Review of Books. Los Angeles Review of Books. Archived from the original on 2021-01-28. Retrieved 2017-03-18.
  2. 2.0 2.1 Kakutani, Michiko (2016-11-28). "'Born a Crime,' Trevor Noah's Raw Account of Life Under Apartheid". The New York Times. Archived from the original on 2021-03-08. Retrieved 2017-03-18.
  3. 3.0 3.1 Seymour, Gene (2016-11-14). "Trevor Noah recalls childhood under apartheid in new memoir". USAToday. Gannett Company. Archived from the original on 2020-10-30. Retrieved 2017-03-18.
  4. Noah, Trevor (15 November 2016). Born a Crime: Stories from a South African Childhood. New York: Spiegel & Grau. ISBN 978-0399588174.
  5. 5.0 5.1 "Born a Crime by Trevor Noah". Penguin Random House website. Penguin Random House. Archived from the original on 2016-10-01. Retrieved 2017-03-18.
  6. ""Born a Crime" NYT Crossword". NYT Mini Crossword. Retrieved 2017-02-10.
  7. "NYT Crossword Solutions for Sunday, June 2, 2019". NYT Crossword Tips. Retrieved 2023-06-13.
  8. "NYT Crossword Solutions for Thursday, August 6, 2020". NYT Crossword Tips. Retrieved 2023-06-13.
  9. "After Words Senator Tammy Duckworth". C-SPAN. April 1, 2021. Archived from the original on April 16, 2021. Retrieved April 16, 2021.
  10. Bice, Allie; Thompson, Alex (February 10, 2022). "Jill Biden wants you to read Trevor Noah's book". Politico. Retrieved November 3, 2022.
  11. "Lupita Nyong'o to Star in 'Born a Crime' Based on Trevor Noah's Memoir". 21 February 2018. Archived from the original on 8 December 2019. Retrieved 19 February 2020.
  12. Clement, Olivia (27 March 2018). "Tony Nominee Liesl Tommy to Direct Trevor Noah Biopic Starring Lupita Nyong'o". playbill.com. Archived from the original on 30 April 2018. Retrieved 29 April 2018.