Bray

toropo la Botswana

Bray ke motsana o o mo kgaolong ya Kgalagadiborwa mo Botswana. Motsana o, o na le baagi ba ka nna sekete mo nakong ya gompieno (1000). Go ya ka maduo a palo ya batho e e dirilweng ka ngwaga wa 2011, baagi ba motse o ba ne ba le makgolo a a 1,041.[1] Motsana o, o ka nna dikhilomithara di le masome a mane go tswa mo motseng wa Werda ntlheng ya botlhabatsatsi. Bontsi jwa banni ba motse o bo bua puo ya Sengologa.

Bray is located in Botswana
Bray
Sebaka sa Bray

Botshelo jwa batho ba Bray fetola

Baagi ba motsana wa Bray ka bontsi ke barui. Ba ruile dikgomo, dipudi, dinku le dipitse. Fa gongwe ba a tle ba leme le ntswa ba fufegelwa ke mmu wa kgaolo ya bone o o seng monate thata go ka ntsha dijalo tse di nonofileng. O ka fitlhela gantsi ba lema dijalo tse di seng thata go mela jaaka magapu, mmidi le dinawa. Leruo la batho ba motse o le lentle thata e bile le kgatlhegelwa ke batho ba metse e e mabapi le one. Batho ba a tle ba etele teng go ya go reka leruo.

References fetola

  1. "2011 Botswana Population and Housing Census" (PDF).