Buka ya Half of A Yellow Sun

Half of a Yellow Sun ke buka ya ditiragalo tse di itlhametsweng e e kwadilweng ke mokwadi wa kwa Nigeria Chimamanda Ngozi Adichie. E gatisitswe ka ngwaga wa 2006 ke ba 4th Estate kwa Lontone, buka e e bolela polelo ya ntwa ya morafe wa Biafra,[1] go ya ka baanelwa Olanna, Ugwu le Richard.


E amogelesegile mo e neng ya fenya seetsele sa bomme ba bakwadi ba dibuka tse di itlhametsweng (Women's Prize for Fiction) ka ngwaga wa 2007. Ka 2013, e ne ya fetolwa go nna setshwantsho sa motshikinyego mme e ntse e dirisa lone leina le.

Neelano ya ditiragalo

fetola
 
Folaga ya Biafra, fa gare ga yone go na le sephatlo sa letsatsi le le mmala wa lephutse, le setlhogo sa buka se buang ka lone.

Ditiragalo tsa buka e di diragala kwa Nigeria pele ga ntwa ya kwa Nigeria le ka nako ya ntwa eo ka ngwaga wa 1967 go tsena ka 1970. Ditlamorago tsa ntwa eo di supiwa ka botsalano jwa matshelo a batho ba le batlhano ba akaretsa bana ba basetsana ba mawelana ba ga rradikgwebo o neng a tumile, moporofesa, motswakwa le mosimane o neng a bereka ditiro tsa mo ntlong. Morago ga go ikgogela morago ga morafe wa Biafra, matshelo a baanelwa bagolo a ne a fetoga a bo a kgoberega ka ntlha ya manokonoko a ntwa e le ditshwetso tse ba neng ba di tsaya ka matshelo a bone.


Buka e e tswa mo tiragalong e nngwe e ye kwa go enngwe, e le ditiragalo tse di diragetseng ka dingwaga tsa 1960 ka nako ya ntwa, mme e tswelela go fitlhelela ntwa e sena go fela. Mmadi o itsisiwe ka moanelwamogolo ka dingwaga tsa 1960; Ugwu o e leng mosimane wa dingwaga tse di lesome le boraro o o fudugang go tswa kwa legaeng go ya go nna le Odenigbo a mmerekela. Odenigbo o nna le baeng gangwe le gae ba tla go buisana ka dikgwetlho tsa sepolotiki kwa Nigeria. botshelo jwa ga Ugwu bo fetoga fa Odegnibo a iponela mopati ebong Olanna o o tlang go nna le bone. Ugwu o nna le botsalano bo bo tseneletseng le bobedi boo, ebile e le mmereki o o boikanyego. Olanna o na le lewelana Kainene o e leng mme o o sa kgatlhegeng motlhofo a lapisitswe ke kompone e a e tlhokomeletseng rragwe. Mopati wa gagwe Richard ke mokwadi wa lekgowa o o yang kwa Nigeria go kanoka botaki jwa Igbo -Ukwu.


Fa o ya kwa ditiragalong tse di diragetseng morago ga dingwaga tse nne, mathata a tlhagogile gareng ga merafe ya Hausa le Igbo, mme batho ba le makgolo ba tlhokafala mo ntweng e, ba akaretsa malomaagwe Olanna le mosadi wa gagwe. Lefatshe le lesha le le neng le bidiwa Biafra, le ne la simolodisiwa ke ba morafe wa igbo. Kgotlhang e e ne ya baka gore Olanna, Odegnibo,ngwana wa bone o ba mmitsang Baby le Ugwu ba patelesege go sia ba tswa mo Nsukka kwa toropong e sekolo se segolwane se leng teng. Ba felela kwa toropong ya batshabi ya Umuahia, kwa ba sotlegelang teng ka ntlha ya tlhaelo ya dijo le go nna ka letshogo.

Baanelwa

fetola

Ugwu - Buka e e simolola e bo e felela ka Ugwu. Ke mosimane o o tswang kwa legaeng la Opi o kwa morago a nnang mmereki wa kwa ntlong ya ga Odegnibo. Ka kgakololo ya ga Odegnibo le Olanna, Ugwu o kgona go tsweledisa thuto ya gagwe mme go rutega ga gagwe go gatela pele fa buka e ntse e tswelela.[2] O leka go nna a bua le mmagwe le kgaitsadie Anulika a bo a leka go tlhokomela botsogo jwa ga mmagwe.

Odenigbo - Buka e simolola ka Odegnibo e le morutuntshi wa dipalo kwa Nsukka University. Go nna le maikutlo a a maatla ka dikgang dingwe go ne go baka gore baanelwa ba bangwe ba mmitse motsuolodi.


Olanna - ke mongwe wa baanelwa ba bararo ba buka e bolelwang go dirisiwa bone. Ke morwadie Kgosi Obiza ebile ke lewelana la ga Kainene. Olanna o godiseditswe kwa Nigeria, a tloga a tsena sekolo sa ithutelo ditiro kwa United Kingdom. O tlhalosiwa fa a le montle mo go gakgamatsang, mme ditebego tsa gagwe di supa ka fa batho ba mo tshwarang ka teng. Sekai, batsadi ba gagwe ba leka go babalela dikgwebo ka go letla gore a robale le batho. Maduo a se ya nna gore kamano ya gagwe le batsadi ba gagwe e seka ya tia, mme a nne gaufi thata le mmamalomaagwe Ifeka le Malomaagwe Mbaezi ba ba nnang kwa Kano. Mohammed ke mopati wa gagwe wa pele, Odegnibo ene ke monna wa gagwe, mme mmogo ba godisa ngwana Baby. Mo go tsa tiro, ke morutuntshi wa dithuto tsa selegae kwa Nsukka University pele ga ntwa e simologa. Morago o ne a bereka e le morutabana kwa Umuahia, mme a tloga a thusa lewelana la gagwe go tlhokomela batshabi kwa Orlu.


Kainene - lewelana la ga Olanna, kwa tshimologong o lebega a le pharologanyo le Olanna. Ke mme o o ikemetseng ka nosi, o o itshepang. Kainene o nna kwa Port Harcourt kwa a tlhokometseng kgwebo ya ga rragwe. Rragwe o a leng motlotlo ka ene, o bolelela mongwe wa ditsala tsa gagwe gore ga a tshwane fela le morwa, o tshwana le barwa ba le babedi. Kwa tshimolong ya ntwa, o ne a na le dipoelo, Mme morago ga a lemoga bosula jwa ntwa, o fetoga a bo a tlhokomela kampa ya batshabi, a sa tlhole a tlhokometse kgwebo ya ga rragwe. O tswelela a nna pelo-e-thata mme kwa phelelong a tsaya maemo a mmaba, a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing.


Richard Churchill - Richard ke rre wa mokwadi wa lekgoa o o tlang kwa Nigeria go batlisisa ka botaki jwa Igbo-Ukwu. Pele o ikamanya le batswakwa ba bangwe, bogolo jang Susan o a neng a nna mopati wa gagwe. Mme e ne ya re a sena go kopana le Kainene kwa mongweng wa meletlo, a mo kgatlhegela. Richard o fudugela kwa Nsukka go ruta kwa sekolong sa Nsukka University abo a leka go kwala buka ka botaki jwa Igbo-Ukwu. Olanna o mo laletsa go nna bontlha bongwe jwa ditsala tse di botlhale tsa ga Odegnibo. Richard o itumelela go nna teng fa Biafra a simologa, a akanya gore se se tla mo dira motho wa lefatshe leo. O simolola go kwala buka ka ntwa, mme morago alemoga gore ga se polelo e e tshwanetseng go bolelwa ke ene. Adichie o buele mo puisanong gore kakanyo e a nnileng le yone ka Richard, e ne e tswa mo go Frederick Forsyth, moema nokeng wa Biafra. "Richard ga a tshwane le ene, mme fela go bo monna wa lekgoa a nnile motho wa Biafra go gaisa batho ba koo, ke kakanyetso e e duleng mo go ene Forsyth.[3]

Melaetsa

fetola

Ntwa ya kwa Nigeria e simolotse ka ngwaga wa 1967 ka Lwetse a le malatsia le marataro mme ya fela ka ngwaga o o latelang wa 1970 ka Firikgong a le malatsi a le lesome le boraro.[4] Ntwa e e simolotse ka ntlha ya dikgogakgogano tsa sepolotiki le semorafe, fa bontlha bongwe jwa yone e bakilwe ke maiteko a mantsi a dikgaolo tse di kwa borwabotlhaba jwa Nigeria go ikemela ka nosi di nna lefatshe la Republic of Biafra. Dintwa tsa sepolotiki gareng ga batho ba merafe ya Igbo, Yoruba, Hausa le Fulan, di bakile dintwa. Batho ba Igbo ba ne ba leka go intsha kwa Nigeria go nna lefatshe la Biafra, mem ba seka ba nna le kemo nokeng e e lekaneng. Go tswa ka ngwaga wa 1968, ntwa e ne ya ema golo gole gongwe fela, sesole sa Nigeria se retelelwa ke go tswelella pele mo dikgaolong tsa Biafra tse di neng di setse. Puso ya Nigeria e ne ya emisa dithuso tse di yang kwa Biafra se sa baka goredikete di le makgolo tsa baagi ba tlhokafale ka ntlha ya tlala le malwetsi. Matshelo le ditlamelo di ne tsa latlhega ka nako ya ntwa, go akaredwa le rragwemogolo Adichie, le gompieno go santse go na le dikgotlhang gareng ga merafe le ditumelo tse di farologaneng tsa kwa Nigeria.[2][5]

Polelo ya Half of A Yellow Sun e lebetse thata ntwa.Adichie o godile ka nako ya morago ga ntwa. "Letlhoko la go kwala ka yone le tsisitswe ke gore ke goletse mo moriting wa yone. Selo se ke neng ke sa se tlhaloganye se e ne e le boswa jwa me. E ne e okametse sengwe le sengwe."[5]O boletse fa a dumela gore bontsi jwa tse di bakileng ntwa, di ntse di teng le gompieno. O ne a tswelela a tlhalosa gore ntwa e go buiwa ka yone go akanyediwa, mme e botlhokwa mo bathong ba Igbo ba buka ya gagwe e buang ka bone gompieno jaaka ba ne ba ntse ka nako eo.[6] Ka ga gona epe tiragalo ya polotiki e e fetotsweng mo bukeng, Adichie are buka e e na le boammaruri ebile e supa gore ntwa e e nnile le sekao se se botlhokwa mo bathong ba kwa Nigeria.[6]

Metswedi

fetola
  1. Nixon, Rob (1 October 2006). "A Biafran Story". The New York Times. Retrieved 26 July 2008.
  2. 2.0 2.1 Maslin, Janet (21 September 2006). "The Complex Business of Living While War Rages in Nigeria". The New York Times. Retrieved 20 January 2016.
  3. "Chimamanda Ngozi Adichie".
  4. Atofarati, Abubakar (1992). "The Nigerian Civil War: Causes, Strategies and Lessons Learnt". GlobalSecurity.org. Retrieved 4 August 2008.
  5. 5.0 5.1 Enright, Michael (30 December 2018) [2006]. The Sunday Edition - December 30, 2018 (Radio interview). CBC. Event occurs at 52:30.
  6. 6.0 6.1 "The Story Behind the Book". Chimamanda Ngozi Adichie. 2007. Retrieved 27 July 2008.