Buka ya The Thing Around Your Neck

Buka ya The Thing Around Your Neck ke kgobokanyo ya dipolelo-khutswe e e kwadilweng ke mokwadi wa kwa Nigeria Chimamanda Ngozi Adichie, e gatisitswe lantlha ka Moranang ngwaga wa 2009 ke ba Fourth Estate kwa United Kingdom le Knopf kwa United States. E amogetse dikakgolo di le dintsi di akaretsa ya Daily Telegraph e e neng e re " o dira gore go bolela dipolelo go lebege go le motlhofo jaaka pina ya nonyane"[1]; Ba the Times bone ba ne bare " e a gakgamatsa. Fela jaaka baboledi ba dipolelo ba tlhwatlhwa, o dira gore o eletse go balela kwa pele."[2]

The Thing Around Your Neck
Setshwantsho:TheThingAroundYourNeck.jpg
First UK edition
MokwadiChimamanda Ngozi Adichie
LefatsheNigeria
TemeEnglish
ModiriFourth Estate (UK)
Alfred A. Knopf (US)
Letsatsi le dirilweng ka lone
2009
Media typePrint, audio & eBook
Pages300
ISBN978-0-307-37523-0

Diteng fetola

  • "Cell One" (e e gatisitsweng lantlha mo The New Yorker); e mo go yone mosimane o o senyegileng wa ngwana wa morutuntshi a romelwang kwa kgolegelong ya Nigeria mme a iphitlhela kwa seleng ya ntlha.
  • "Imitation" (e gatisitswe e le lantlha mo Other Voices) e diragalela kwa Philadelphia mme e lebagane le botshelo jwa ga Nkem, mosetsana o e leng mme, o monna wa gagwe o o rekisang tsa botaki a mo etelang kgwedi tse pedi fela mo ngwageng. O itemogela gore mokapelo wa gmonna wa gagwe o fudugetse kwa lolwapeng lwa bone kwa Lagos.
  • "A Private Experience" (e gatisitswe pele mo Virginia Quarterly Review) mo go yone basadi ba le babedi ba ba iphitlhelang mo gare ga diphuduego gareng ga Bakeresete le BaMuslim, ba iphitlhang mo lebentleleng le le letlotla. Polelo e, e supa thata botsalano le kagiso gareng ga bomme ba ditumelo tse difarologaneng. E supa gape gore go sa kgathalesege gore o wa tumelo efe, kgotso lotso lofe, rotlhe re batho. E bolelwa go dirisiwa leemedi la maemo a motho wa boraro gore babadi ba kgone go tlhaloganya mogopolo o.
  • "Ghosts" (e gatisitswe lantlha mo Zoetrope:All Story) e morutuntshi o o tlogetseng tiro ka bogodi a tlhatlhanyang ka botshelo jwa gagwe jwa pele.
  • "The Thing Around Your Neck" (e gatisitswe lantlha mo Prospect 99) mme o o bidiwang Akunna o neelwa teseletso ya mesepele ya kwa America, a bo a ya go nna le malomaagwe; mme o mo dirisa botlhaswa mo go tsa tlhakanelodikobo, o felela a bereka e le morekisi kwa Connecticut. O felela a kopana le monna o a mo ratang, mme fa go ntse go tsweletse, o itemogela dipharologanyo tsa ngwao fa a na le ene.

Molaetsa fetola

Ditshekatsheko tsa polelo ya ga Chimamanda Ngozi Adichie ya "The Headstrong Historian" tse di dirilweng ke ba ba buelelang ditshwanelo tsa bomme, di supile fa polelo e, e le tokafatso ya buka ya ga Chinua Achebe ya ngwaga wa 1958 "Things Fall Apart", e lebelela dilo ka leitlho la go buelela bomme kwa borwa jwa Nigeria ba lotso lwa Igbo le maitemogelo a bone le go busiwa ke ba ba kwa bophirima.[3][4][5] Chikwenye Okonjo Ogunyemi o kgalela dipadi tsa Nigeria go kgetholola basadi.[6] Elleke Boehmer o akgolela "The Headstrong Historian" go itebaganya le go nonotsha bomme, mo go lemogiwang e le go tokafatsa buka ya ga Achebe ya Things Fall Apart e bo e gwetlha ka fa e neng e leba ditso tsa batho ba Igbo ka teng.[7]

Metswedi fetola

  1. Jane Shilling (2009-04-02). "The Thing Around Your Neck by Chimamanda Ngozi Adichie: Review". The Telegraph. Retrieved 2012-03-24.
  2. Lech Mintowt-Czyz (2012-03-24). "UK News, World News and Opinion". The Times. Entertainment.timesonline.co.uk. Retrieved 2012-03-24.
  3. Tunca, Daria (2012). "Appropriating Achebe: Chimamanda Ngozi Adichie's Purple Hibiscus and "The Headstrong Historian"". In Pascal Nicklas and Oliver Lindner (ed.). Adaptation and Cultural Appropriation: Literature, Film, and the Arts. Berlin: De Gruyter. pp. 230–250.
  4. Tunca, Daria (2018). "Chimamanda Ngozi Adichie as Chinua Achebe's (Unruly) Literary Daughter: The Past Present, and Future of "Adichebean" Criticism". Research in African Literatures. 49 (4): 107–126. doi:10.2979/reseafrilite.49.4.08. hdl:2268/233956. S2CID 167003202.
  5. VanZanten, Susan (2015). ""The Headstrong Historian": Writing with Things Fall Apart". Research in African Literatures. 46 (2): 85–103. doi:10.2979/reseafrilite.46.2.85. S2CID 160888170.
  6. Ogunyemi, Chikwenye Okonjo (1988). "Women and Nigerian Literature". In Yami Ogunbiyi (ed.). Perspectives on Nigerian Literature: 1700 to the Present. Lagos: Guardian Books Nigeria Limited. pp. 60–67.
  7. Boehmer, Elleke (2009). "Achebe and His Influence in Some Contemporary African Writing". Interventions. 11 (2): 141–153. doi:10.1080/13698010903052982. S2CID 143409311.