Busi Mhlongo

Moopedi le mokwadi wa dipina wa Aforika Borwa

Victoria Busisiwe Mhlongo ( 28 Phalane 1947 - 15 Seetebosigo 2010 ) o o neng a itsege ka leina la Busi Mhlongo e ne e le seopedi, sebini, le motlhami o a belegweng ko Inanda, kwa Natala, mo Afrika Borwa.

Busi Mhlongo
Leina la MatsaloBusisiwe Victoria Mhlongo
Tsalo(1947-10-28)28 Diphalane 1947
Inanda, South Africa
Leso15 Seetebosigo 2010(2010-06-15) (aged 62)
Durban, South Africa
MefotaMbaqanga, soul, smooth jazz, soft rock
DitiroSinger-songwriter, record producer
Dingwaga tsa a le mo boopeding1960–2010
LabelsHouse of Memory, MELT2000, Stern Music, Sheer Sound, Chissa Records

Bophelo jwa Busi fetola

Busi o ne a tshwantshanya mefuta ya mmino e mentsi jaaka mbaqanga, maskandi, marabi, le mmino wa setso wa seZulu; a di tlhakanya le mmino wa segompieno jaaka jêzê, funk, punk le mminô wa rôkô, difela, rap, opera, mminô o o tlhôlêgang kwa Intia Bophirima wa moribô o o boteng, le mmino wa gotswa bokoneng jwa Afrika; a dira mmino o mo ntšha o o itumedisang. mmino wa gagwe o ne wa kgatlha lefatshe ka bophara, mme o ne o tshwere molaetsa oo maatla. O ne a simolla go dirisa Vickie jaaka leina la gagwe ka di 1960's pele a le fetolela go Busi Mhlongo. Busi o ne a le ngaka ya setso e tlhomamisitsweng, mme seo se ne se nale karolo mo mminong wa gagwe. Ka di 1970's, Busi o ne a fudugela kwa London, a dira mmino le baopedi ba bangwe ba ba kobilweng mo Afrika Borwa.jaaka Dudu Phukwana le Julia Bahula. Ka di 1980's, o ne a setse a opetse lefatshe ka bophara le baopedi ba bangwe jaaka Salif Keita. Mo tshimollogong ya di 1990, Busi o ne a simolla go ntsha mmino wa gagwe a le mong, rekorto ya gagwe ya ntlha a e taya Barbentu ka 1993, mme ka 1998 ntsha rekorto ya bobedi e teilweng Urban Zulu . Urban Zulu e ne ya ratiwa mo mafelong a farologaneng mo lefatsheng ka bophara, ebile e feditse dikgwedi mo mmepe wa Billboard wa mmino. O tswelletse pele a ntsha di rekorto tse dintsi jaaka Freedom (2003) le Amakholwa pele ga loso la gagwe ka Seetebosigo 2010 ka ntlha ya kankere ya matswele.

Ditiro le mmino wa gagwe fetola

Busi o simollotse go bina le di khwaere le mekgatlho e farologaneng a santse a tsena sekolo. Mmino wa gawe wa utlwa ke mongwe yo o batlang dikitso o a dirang ko Galo Music, mme a fudugela kwa Gauteng, mme koo a ntsha pina e e bidiwang My Boy Lollipop ka 1963. Busi o ne a dira a le nosi, le mekgatlho e e farologaneng ya mmino wa jêzê, le metshameko ya mmino. Busi o dirile le diopedi tse di farologaneng jaaka Hugh Masekela, Dr Phillip Tabane, Mabe Thobejane, le ba bangwe. Ka ngwaga wa 2000, Busi o ne a neiwa ditlotla tse tharo ko FNB South African Music Awards tsa seopedi sa basadi se se gaisang, mmino wa segompieno o o gaisang le rekorto ya pop e gaisang.[1]

Metswedi fetola

  1. "Busisiwe Very Mhlongo".