Connie Chiume
Connie Temweka Gabisile Chiume (05 Seetebosigo 1952 - 06 Phatwe 2024) e ne e le motshameki wa mosadi le modiri wa filimi mo Aforika Borwa.[1] O ne a itsiwe ka dikarolo tsa gagwe tsa filimi mo Black Panther, Black Is King le Blessers.[2] Mo thelebišeneng, o ne a bonala mo S'gudi S'nyasi, Yizo Yizo 2, Zone 14, Rhythm City le Gomora.[3]
Botshelo jwa pele le loso
fetolaConnie Chiume o tshotswe ka 05 Seetebosigo 1952 kwa toropong ya moepo ya Welkom, kwa porofenseng ya Foreisetata mo Aforika Borwa.[4] Connie o tsene sekolo se se botlana se se gautshwana mo Welkom pele a ka tsena kwa sekolong se segolwane kwa Kapa Botlhaba. Morago ga go fetsa sekolo se segolwane, o ne a ikwadisa mo kholejeng ya go katisa baoki. Le fa go ntse jalo gaaka a feleletsa dithuto tsa gagwe tsa booki.[5] Morago o ne a ithutela go nna morutabana. Ka 1976, fa Connie a sena go bona dikerii ya gagwe ya borutabana, o ne a ruta nakonyana e e rileng.[6][7]
Le fa go ntse jalo, Chiume o ne a eletsa go nna mo seraleng. Ka 1977, fa Aforika Borwa e ne e aparetswe ke dikhuduego tsa baithuti, o ne a tswa mo nageng e o mme a nna leloko la setlhopha sa mmino se se neng se tsamaya se etela kwa Iseraele le Gerika.[8] Morago o ne a tsenela motshameko o o tumileng wa mmino wa Afrika Borwa e leng Ipi Ntombi. O ne a tlhagelela gape mo ditshamekong tsa Porgy and Bess le The Little Shop of Horrors fa a ne a le kwa moseja.[9]
Chiume o tlhokafetse kwa Garden City Hospital kwa Gauteng ka 5 Phatwe 2024, a le dingwaga di le 72.[6]
Lelapa
fetolaRraagwe Connie Chiume e ne e le Wright Tadeyo Chiume wa kwa Malawi mme mmaagwe, MaNdlovu e ne e le MoZulu go tswa kwa KwaZulu-Natal mo Afrika Borwa. Connie e ne e le ngwana wa botlhano mo go ba le robongwe.[10] Rraagwe o ne a boela kwa Malawi mme moragonyana a tlhokafala mo nageng eo ka 1983, mme mmaagwe a tlhokafala ka Mopitlwe 2020. Connie Chiume o ne a nyalwa ke monna wa mo Aforica Borwa ka 1985 morago ba tlhalana ka 2004.[11] O na le bana ba le bararo, basimane ba babedi le mosetsana. Ntsalaagwe, Ephraim Mganda Chiume ke radipolotiki wa kwa Malawi.
Tiro
fetola1990- 2000
fetolaConnie Chiume e ne e le motshameki yo o itsegeng wa Aforika Borwa yo tiro ya gagwe e tsereng dingwagasome di le mmalwa, a na le seabe se segolo mo difiliming le thelebišeneng. Connie Chiume o ne a tlhagelela mo filiming ya Warriors from Hell, e e golotsweng ka 1990, mo a neng a tshameka karolo ya ga Marita. Filimi e e ne ya supa tshimologo ya tiro ya gagwe le talente mo madirelong a difilimi.[12] Ka 1994 o ne a tshameka karolo ya Mme Urudu mo The Air Up There. Tiragatso ya ga Chiume e ne ya humisa go batlisisa ga filimi ka dikamano tsa ditso tse di farologaneng, mme seno sa dira gore a nne le tlhotlheletso e kgolo mo go rotloetseng go ananya ditso. Mo filiming ya Chikin Biznis...The Whole story ya 1999, Chiume o ne a tshameka karolo ya ga Thoko. Chiume o ne a tshameka karolo ya Wanjiku mo I Dreamed of Africa ka ngwaga wa 2000, e e neng ya mo thusa go itsege mo baesekopong ya boditšhaba.[13]
2003- 2019
fetolaKa 2003 mo filiming ya Soul City, seabe sa gagwe se ne sa dira gore a nne le maemo a a kwa godimo mo thelebišeneng ya Aforika Borwa. Ka 2004, o ne a tshameka karolo ya Virginia Tabata mo In My Country.[14] Go tshameka ga gagwe jaaka Zinzi mo go Fanie Fourie's Lobala ka 2013 go bontshitse gape bokgoni jwa gagwe jaaka motshameki. Mo filiming e khutswane ya Lerato ya ngwaga wa 2015 e e ne e bua ka dikgang tsa lorato le setlhabelo, karoloya gagwe ya boruti e ne a neela kaelo le botlhale.[13] Go tloga ka 2015, Chiume o ne a tshameka karolo ya 'Mamokete Khuse' mo thelebišeneng ya Rhythm City, e e neng ya tuma thata mme ya supa bokgoni jwa gagwe jwa go ikgolaganya le babogedi ka go tshameka karolo ya go nna mme.[15] Chiume o ne a tuma lefatshe ka bophara ka go tshameka karolo ya Zawavari mo go Black Panther ka 2018.[15] Mme morago a bowa gape mo go Losing Lerato jaaka Gogo on Bus le Blessers jaaka Ma-Lerato ka ngwaga o le mongwe wa 2019.[16]
2020- 2024
fetolaKa 2020, o ne a tlhagelela mo What Did You Dream? jaaka Koko, a tswelela go tlogela letshwao la gagwe. Mo Black Is King ka ngwaga wa 2020 o ne tshameka karolo ya Sarabi, mmaagwe Simba.[8] Gape o ne a tshameka jaaka Mmagwe Dineo mo Seriously Single ka 2020. A tshameka karolo ya Nana Rakau mo Queen Sono, kgasong ya tatelano ya Netflix. Chiume o ne a tshameka karolo ya Mam'Sonto Molefe mo Gomora ka 2020, karolo e e neng e le botlhokwa mo kgasong ya tatelano ya terama. Heart of the Hunter e ne ya gololwa ka 2024, filimi eo, e ne ya dira gore Chiume a nne le seabe se se botlhokwa, mme seo se ne sa bontsha gore o santse a le botlhokwa mo madirelong a difilimi. Mo go yone o ne a tshamake karolo ya ga Thandiwe Makeba.[17] Kgato ya tatelano e leng Soon Comes Night, Connie o ne a tshameka jaaka Ma'Sibiya, e ne ya gasiwa ka Tlhakole 2024, mme ya oketsa tiro ya ga Connie Chiume ya thelebišene, e supa fa a kgona go fetoga le mefuta e e farologaneng ya mothale.[17]
Dikgele
fetolaSAFTA Awards
fetolaChiume o amogetse Avanti Award ya Best Actress mo kgasong ya tatelano ya terama kwa South African Film and Television Awards (SAFTA) ka 2000. Kabelo e, e ne e le go mo tlotlomatsa ka tiro ya gagwe e e tlhomologileng mo tirong e a ne a e dira.[18]
Best Supporting Actress
fetolaKa 2005, o ne a gapa Golden Horn Award ka ntlha ya seabe sa gagwe jaaka 'Stella Moloi' mo go Zone 14, e leng kgaso ya tatelano e e tumileng wa diterama. O ne a tswelela mo tirong e go fitlha ka 2010, a tiisa maemo a gagwe jaaka motshameki wa mogaka.[18] Chiume o ne gape a abelwa sekgele sa Best Supporting Actress ka nako ya 3rd SAFTA ka ntlha ya seabe sa gagwe mo diterameng tsa thelebišene.[18]
Lenaane la difilimi le thelebišene
fetolaFilimi
fetolaNgwaga | Setlhogo | Karolo | Tlhagiso |
---|---|---|---|
1990 | Warriors from Hell | Marita | |
1994 | The Air Up There | Mrs Urudu | [19] |
1999 | Chikin Biznis ... The Whole Story! | Thoko | [19] |
2000 | I Dreamed Of Africa | Wanjiku | [19] |
2004 | In My Country | Virginia Tabata | [19] |
2013 | Fanie Fourie’s Lobala | Zinzi | |
2015 | Lerato | Moruti | Filimi e e khutshwane |
2018 | Black panther | Zawavari | [18] |
2019 | Losing Lerato | Gogo on Bus | |
2019 | Blessers | Ma-Lerato | |
2020 | What Did You Dream? | Koko | Filimi e e khutshwane[8] |
2020 | Black Is King | Sarabi | [8][15] |
2020 | Seriously Single | Mmagwe Dineo | [20] |
2022 | Black Panther: Wakanda Forever | Zawavari | [18] |
2024 | Heart of the Hunter | [21] |
Thelebišene
fetolaNgwaga | Setlhogo | Karolo | Tlhagiso |
---|---|---|---|
1989 | Inkom' Edla Yodwa | Thembi | [18][15] |
1994 | The Line | Rosie | Filimi ya thelebišene |
1997 | A Woman of Color | Modiredi wa puso | Filimi ya thelebišene |
1998 | Tierärztin Christine III: Abenteuer in Südafrika | Mohlolohadi jaaka thakane | Filimi ya thelebišene |
2003 | Soul City | [15] | |
2004 | Mazinyo Dot Q | Ma Mavuso | |
2007–2015 | Zone 14 | Stella Moloi | [18] |
2015 | Rhythm City | Mamokete Khuse | [18][15] |
2017 | Thula's Vine | Nothando | |
2020 | Queen Sono | Nana Rakau | [22] |
2020 | Gomora | Mam'Sonto Molefe | [18] |
2020 | Choices | [23] | |
2024 | Soon Comes Night | [21] |
Metswedi
fetola- ↑ https://www.imdb.com/name/nm0158448/
- ↑ https://people.com/connie-chiume-dead-black-panther-actress-8692295
- ↑ https://briefly.co.za/37398-connie-chiume-biography-age-date-birth-nationality-husband-parents-nominations-awards-tv-shows-movies-instagram-contact-details.html
- ↑ https://studentroom.co.za/wiki/connie-chiume/
- ↑ "'Seriously Single' Review: Netflix's South African Rom-Com Brings Fresh Energy to Genre". Indie Wire. 29 July 2020. Archived from the original on 19 November 2020. Retrieved July 31, 2020.
- ↑ 6.0 6.1 https://www.nytimes.com/2024/08/07/world/africa/connie-chiume-dead.html
- ↑ "Archive copy". Archived from the original on 2024-08-18. Retrieved 2024-08-18.
{{cite web}}
: CS1 maint: archived copy as title (link) - ↑ 8.0 8.1 8.2 8.3 Chutel, Lynsey (7 August 2024). "Connie Chiume, 72, Dies; 'Black Panther' Actor Bridged S. Africa Eras". The New York Times. https://www.nytimes.com/2024/08/07/world/africa/connie-chiume-dead.html.
- ↑ "Queen Sono: Inside the star studded premiere". www.gq.co.za. 28 February 2020. Retrieved 9 August 2024.
- ↑ "Mamokete back to South Africa". times. Archived from the original on 30 August 2021. Retrieved 8 November 2020.
- ↑ https://studentroom.co.za/wiki/connie-chiume/
- ↑ https://www.imdb.com/title/tt0379583/
- ↑ 13.0 13.1 https://savannanews.com/connie-chiume-biography-age-husband-children-awards-black-panther-tv-roles-gomora/
- ↑ https://wikisouthafrica.co.za/connie-chiume/
- ↑ 15.0 15.1 15.2 15.3 15.4 15.5 "'Black Panther' actress Connie Chiume dies aged 72". euronews. Retrieved 8 August 2024.
- ↑ https://wikisouthafrica.co.za/connie-chiume/#Filmography
- ↑ 17.0 17.1 https://metro.co.uk/2024/08/06/black-panther-actor-connie-chiume-dies-aged-72-21374303/
- ↑ 18.0 18.1 18.2 18.3 18.4 18.5 18.6 18.7 18.8 "Connie Chiume: South African TV star dies aged 72". www.bbc.com. Archived from the original on 7 August 2024. Retrieved 8 August 2024.
- ↑ 19.0 19.1 19.2 19.3 https://web.archive.org/web/20160427112708/https://mwnation.com/meet-actress-connie-chiume/
- ↑ "'Seriously Single' Review: Netflix's South African Rom-Com Brings Fresh Energy to Genre". Indie Wire. 29 July 2020. Archived from the original on 19 November 2020. Retrieved July 31, 2020.
- ↑ 21.0 21.1 "Connie Chiume, South African actor known for 'Black Panther' role, dies at 72". Los Angeles Times. 8 August 2024. Retrieved 8 August 2024.
- ↑ "Queen Sono: Inside the star studded premiere". www.gq.co.za. 28 February 2020. Retrieved 9 August 2024.
- ↑ "Mamokete back to South Africa". times. Archived from the original on 30 August 2021. Retrieved 8 November 2020.