Mme Courtney Ozioma Dike o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola ga raro,[2] ka ngwaga wa 1995. Ke motshameka pele wa kgwele ya dinao. O tshotswe kwa Edmond, Oklahoma kwa lefatsheng la Amerika, mme o tshamekela setlhopha sa sechaba sa bomme sa lefatshe la Nigeria.[3]

Courtney Dike
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Courtney Ozioma Dike[1]
Letsatsi la tsalo (1995-02-03) 3 February 1995 (age 29)
Lefelo la tsalo Edmond, Oklahoma, United States
Bolele 1.68 m (5 ft 6 in)
Maemo Forward
Setlhopha sa setshaba
Years Setlhopha Metsh Dinno
2014 Nigeria U20
Nigeria U20
‡ National team caps and goals, correct as of 6 April 2018

Tiro kwa sekolong sa ithutelo ditiro fetola

Courtney o tshotswe kwa Edmond, Oklahoma kwa Amerika, o tsene sekolo ko Edmond North High School mme o tshamekile kgwele ya dinao kwa sekolong sa Oklahoma State University. O kgonne go nosa dinno tse dile masome ale a roba bongwe fa a santse ale ko sekolong sa Edmond North High School.[4]

O ithutetse tiro ya dipalo tsa madi kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa Oklahoma State University mme gape a tshamekela setlhopha sa sekolo sa bomme. [2]

Tiro kwa Mafatshefatsheng fetola

Ka ngwaga wa 2014, Mme Courtney o ne fiwa sebaka sa go emela setlhopa sa Nigeria sa dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mabedikwa digaisanong tsa kgwele ya dinao tswa mafatshefatshe tsa ngwaga wa 2014, kwa lefatsheng la Canada ko a neng a nosa nno e bofefo mo ditsong tsa dikgaisano mo metsotswaneng ele lesome le boraro kgatlhanong le lefatshe la North Korea.[5] [6]Motshameko wa gagwe kwa dikgaisanong di ne tsa mo berekela go bona sebaka sa go fenya seetsele ko kabo dietseleng tsa Nigeria tsa ngwaga wa 2014.[7]

Mme Courtney o ne gape a emela lefathe la gagwe la Nigeria kwa dikgaisanong tsa kgwele ya dinao tsa bomme ka ngwaga wa 2015 gone kwa Canada. E ne yare ka kgwedi Seetebosigo ele lesome le bobedi ka ngwaga wa 2015, o ne a dira ditso ka go nna motho wa ntlha go tswa kwa Oklahoma go tshameka mo dikgaisanong tsa sejana sa lefatshe a fetsa go tsena mo ditlhakong tsa ga Asisat Oshoala mo motshamekong kgatlhanong le lefatshe la Australia.[8]

Botshelo kwa lwapeng fetola

O na le bo kgaitsadie ba le babedi, Bright le Daryl le batsalwa le ba bomme bale babedi, Kimberly le Brittny.[2] Go bolelwa mo metsweding ya dikgang gore ga a dumela go tsaya diteboga tsa go tsaya karolo mo sejaneng sa lefatshe sa bomme ba ba dingwaga di ko tlase ga masome a mabedi tse neng di tsheditswe ka ngwaga wa 2014. E ne yare morago a bolela mo lekwalong le neng l1 romelwa ko go batsamaisi ba kgwele ya dinao ya Nigeria gore o ka itumelela go emela lefatshe la gagwe mo dikgaisanong nako tsotlhe. O ne gape a itse gore ga ana go amogela dituelo tsa tlaleletso morago ga dikgaisano tsa lehatshe tsa bomme ba digwaga tse ko tlase ga masome a mabedi. Gp amogela madi a tlaleletso go kgatlhanong le melao le ditsamaiso tsa NCAA kwa lefatsheng la Amerika ebile ke lone lebaka la gore ke eng a sa tsaya madi a dituelo tsa tlaleletso.[9]

Dikatlego fetola

Setlhopha sa Nigeria sa bomme ba dingwaga tse di ko tlase ga masome a mabedi

  • Maemo a bobedi kwa dikgaisanong tsa lefatshe tsa kgwele ya dinao ya bomme ba dingwaga tse di ko tlase ga masome a mabedi: Ka ngwaga wa 2014

Dikatlego tsa ale mongwe

  • "Motshameki wa ngwaga wa All city " (2013)
  • Motshameka pele o gaisetseng Big 12 Conference: (2016)
  • Nigeria Sports Award Discovery of the year: 2014[10]
  • Nigeria Sports Award Sports Woman of the Year: 2014 nomination
  • Nigeria Sports Award Footballer (women) of the Year: 2014 nomination

Metswedi fetola

  1. "List of Players - 2015 FIFA Women's World Cup" (PDF). FIFA. Archived from the original (PDF) on 28 May 2015. Retrieved 20 June 2015.
  2. 2.0 2.1 2.2 "17: Courtney Dike". Oklahoma State. Archived from the original on 4 November 2013. Retrieved 11 November 2016
  3. Jenni Carlson (15 October 2014). "Courtney Dike celebrates World Cup appearance with a proud brother". NewsOk. Retrieved 17 February 2015
  4. Godfrey, Ed (1 June 2013). "Girls soccer: Edmond North's Courtney Dike is All-City Player of the Year". NewsOK. Retrieved 11 November 2016
  5. Ahmandu, Samuel (30 July 2014). "Courtney Dike confident Falconets will succeed in Canada". Goal.com. Retrieved 11 November 2016
  6. Macaulay Maduwuba (9 August 2014). "Courtney Dike Scores Fastest Goal In Women Football As Nigeria Beat Korea". Pulse NG. Retrieved 29 January 2015
  7. Dekota Gregory (16 October 2014). "Cowgirl's Courtney Dike nominated for 'Nigerian Sports Woman of the Year' award". O'Colly. Retrieved 2 May 2015
  8. "Courtney Dike puts Oklahoma on the World Cup map". NewsOk. Retrieved 9 May 2015
  9. "Why I rejected my bonus – Under 20 star, Courtney Dike". PremiumTimes Nigeria. 11 November 2014. Retrieved 12 March 2015
  10. Foster, Mark (16 October 2014). "OSU's Dike nominated for prestigious Nigerian Sports awards". Tulsa World. Retrieved 11 November 2016