O le hlohonolo joalo ka

Tlhaloso fetola

Dipapiso ke dikapuo Tiriso ya puo ya botshwantshi le dipapiso e botlhokwa thata mo puong. Dipapiso kana dikapuo tsa botshwantshi tse di dirisiwang mo puong di tshotse bokao jotlhe jwa tiriso ya puo. Dipapiso ke setswana se se simolotse bogologolo go tswa mo bagolong ba rona baba retlogetseng mo lefatsheng le le kakwano, ba rata go tshwantshanya batho le dilo[1].

Dipapiso fetola

  • O mosweu jaaka maswi/sefokaboleya
  • O rata batho jaaka tlala
  • O moleele jaaka tsela ya kgalagadi
  • O bogale jaaka tau
  • O leferefere jaaka phokojwe
  • O bonya jaaka lelobu
  • O nonne jaaka kolobe
  • O bonolo jaaka kwana
  • O rata leswe jaaka kolobe
  • O lebelo jaaka mmutla
  • O motlapa jaaka esele
  • O lebala jaaka kgogo
  • O itse go opela jaaka thaga
  • O itse go tlola jaaka tshepe
  • O bopelonomi jaaka mamasiloanoka
  • Ga a ikanyege jaaka noga
  • O relela jaaka thelelabodiba
  • O matlhajana jaaka mmutla
  • Se botlhoko jaaka santlhoko
  • O bokete jaaka kgetse ya letswai
  • O dupelela jaaka ngaka ya sedupe
  • O teme pedi jaaka noga
  • O ikgatile jaaka seretse
  • O mariba jaaka tshwene

Dipadi tse dingwe fetola