Dipsy Selolwane

Moralokakwele wa Botswana
DIPSY "U-TURN" SELOLWANE

Diphetogo ("Dipsy") Selolwane (o tshotswe ka Hirikgong ale malatsi a masome mabedi le bosupa mo ngwageng ya Sekete le makgolo a robabongwe le masome a supa le metso e robabobedi (January 27, 1978) mo toropong ya Gaborone, Botswana. Ke mongwe wa batshameki ba setlhopha sa setshaba sa lefatshe la Botswana football (soccer). O tshamekile ele mo magare a lebala ele motlhasedi (forward striker).

O simolotse a tshamekela setlhopha sa Gaborone United mo liking ya Lefatshe la Botswana morago ga go tshamekela setlhopha sa mmadikolo ko St. Louis University ko a neng a dira dithuto tsa gagwe tse dikgolo teng mo ngwageng wa 2001, Selolwane one a bewa mo maemong a masome a mararo le bobedi (32) mo 2002 MLS Superdraft ke ba Chicago Fire. Diphetogo ene yare moragonyana a rekisediwa setlhopha sa Real Salt Lake morago ga setlha sa 2004 MLS mme a seka a ntsha maduo a a neng a solofetswe mme a boelwa ko setlhopheng sa gagwe sa St. Louis University mo setlheng sa 2005 ko a ileng a dira a nosa nno tse tharo.

Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe, one a boela mo Aforika, pele one a ya Botswana pele a tlolelwa molelwane ko Aforika Borwa. Osimolotse a tshamekele setlhopha sa Santos mo liking ya Aforika Borwa, moragonyana a ya go tshamekela Jomo Cosmos, mo a neng a seka a dira sentle. A tswelela ya go tshamekela Ezenkosi mo setlheng sa 2007/2008, mo a ileng a tshameka metshameko ele mebedi fela pele a ya ko Ajax Cape Town mo tshimologong ya ngwaga wa 2008. O simolotse go tshameka a tsabakela ko Ajax, ko a ileng a tshameka maemo a magare. O ile setlhopheng sa Supersport United mo kgweding ya Phukwi 2010.

Diphetogo Selolwane ke motshameki yo o tlotlegang wa setlhopha sa setshaba Lefatshe la Botswana.

EXTERNAL LINKS fetola