Mme Ebere Orji ( o tshotsweng kgwedi ya Sedimonthole e le malatsi a le masome mabedi le borara ngwaga wa 1992) motshamiki wa bolo wa lefatshe la Nigeria yo o tshamekelang mafatshe a sele[2]. O tshamekela setlhopha sa Sundsvall DFF mo Sweedish Elitettan. O tshameketse ditlhopha tse dintsi mo mafatsheng a Nigeria, Sweeden le Hungary,[3] bogologo jang ba Ferencváros ko Hungarian Női NB I le Rivers Angels mo Women Premier League. O kile gape a emela lefatshe la Nigeria ko mafatsheng a sele mo makgaolagangnyeng a dikgaisanyong tsa 2011 FIFA Women's World Cup le sejana sa mafatshefatshe sa batshamiki ba ba ka fa tlase ga digwaga tse masome a mabedi le ba ba tse dilesome le bosupa.

Ebere Orji
Motshameki wa kgwele ya dinao
Letsatsi la tsalo (1992-12-23) 23 December 1992 (age 31)
Lefelo la tsalo Enugu, Nigeria
Bolele Tempolete:Convinfobox/pri3
Club information
Current team
Sundsvall DFF
Youth career
Bayelsa Queens[1]
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
2009 Delta Queens
Rivers Angels
Bayelsa Queens
Rivers Angels
Ferencváros
Umeå
Linköpings
IFK Kalmar
Setlhopha sa setshaba
Nigeria U-17s
*Metshameko ya gagwe le dinno

Mo Perekong ya gagwe le Mekgatlho fetola

Fa tshamekela setlhopha sa Rivers Angels, mo maitekong a bone a go fenya dikgaisanyo tsa Federation Cup tsa ngwaga wa 2014, o ne a nosa dinno tse tharo mo tshamekong kgatlhanong le setlhopha sa COD United Ladies fa ba se fenya ka dinno tse thataro go e le ngwe fela.

Ka ngwaga wa 2015, o ne a gapa bommampodi jwa Hungarian (Női NB I) le kopi ya Hungarian. Mo pakeng ya 2016 yo ya go 2017, Orji o ne a nna mo monosadino yo o gaisitseng botlhe ko Női NB I ka dinno tse di masome a madedi le bosupa.

Ka 2019 Orji o ne a tswa mofenyi wa maemo a Elitettan le ba Umeå IK morago ya go nosa dinno di le lesome le bongwe mo dikgaisanyong tsa metshameko di le masome a mabedi le borataro.

Metswedi fetola

  1. "Client". CMG. Archived from the original on 26 October 2021. Retrieved 3 November 2019.
  2. "Falcons not scared of Germany – Ebere Orji – Vanguard News". Vanguard News. 23 June 2011. Retrieved 7 December 2014.
  3. "Ebere Orji :: Ebere Orji :: Umea IK". www.playmakerstats.com. Retrieved 3 November 2019.