Florence Kikelomo Ajayi ke mo Nigeria, motshameki mogolo wa kgwele ya dinao yo tshamekelang fa morago.[1] Mo bo gompienong o tshamekela setlhopha sa Dinamo Guadalajara mo lephateng la bobedi la se-spain.[2]

Florence Ajayi
Motshameki wa kgwele ya dinao
Leina ka botlalo Florence Kikelomo Ajayi
Letsatsi la tsalo (1977-04-28) 28 April 1977 (age 47)
Lefelo la tsalo Akure, Nigeria
Bolele 1.64 m (5 ft 5 in)
Maemo Defender
Club information
Current team
Pogoń Szczecin
Tiro ya gagwe*
Dingwaga Setlhopha Metsh (Dinno)
Koko Queens
Rivers Angels
Jegede Babes
until 1999 Pelican Stars
1999–2001 Niederkirchen
2001–2004 Police Machine
2004–2008 Bayelsa Queens
2008–2010 Tianjin Teda
2011–2012 Krka Novo Mesto
2012–2013 Pogoń Szczecin
2013- Dínamo Guadalajara
Setlhopha sa setshaba
NigeriaTempolete:Ref label (2)
*Metshameko ya gagwe le dinno

Tiro fetola

Mme Ajayi o simolotse tiro ya gagwe ka kgwele ya dinao ya Nigeria mo Koko Queens, River Angels, Jagede Babes and Pelican Stars. E rile a sena go tshameka ka 1999 World Cup a nna le tumalano kafa molaong le ba 1.FFC Niederkitchen mo German Bundesliga, ko a nnileng dipaka tse pedi teng. Ya re a boela ko Nigeria a tshamakela Police Machine le Bayelsa Queen go fitlhelela ka ngwaga wa 2008 a fudugela Tianjin Teda ka kgaisano e ko godimo ya tsa se-china. Ka ngwaga wa 2010 ke fa a boela ko lekgotleng la yuropa dingwaga dile lesome moragonyana a atlegile mo go tshamekeleng setlhopha sa Krka Novo Mesto ko Slovenia, Pogon Szczech ko lefatsheng la Poland le Dinamo Guadalajara mo lekalaneng la bobedi la se-spain.[3][4]

Boditŝhabatŝhaba fetola

Mme Ajayi eleng leloko la setlhopha sa lefatshe sa Nigeria o ikgapetse African Championships tse tlhano mo moleng o o fa gare ga dingwaga tsa 1998 le 2006,a be a tsaya karolo mo go tsa sejana sa lefatshe ka ngwaga wa 1999 le 2003, ya re ka ngwaga wa 2000 le 2008 a tsenelela metshameko ya diolimpiki tsa selemo. O ne a direla jaaka moeteledipele wa setlhopha sa basadi sa Nigeria.

  1. WHY KIKELOMO AJAYI WILL NEVER PLAY FOR FALCONS AGAIN
  2. Dínamo Guadalajara signs Nigerian Florence Ajayi. FFemenino.es, 20 May 2013 [1]
  3. Statistics in the Slovenian Football Association's website
  4. "Kikelomo Ajayi Signs 2 Years Deal in Poland"[2]. Archived from the original on 19 January 2013. Retrieved 26 August 2012