Folaga ya sechaba sa Botswana

Folaga ya setshaba ya Botswana ene ya tlhomiwa ka Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 1966.Pele fa lefatshe la Botswana le tsaya bopuso ka kgwedi ya Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 19966 Botswana o ne a bidiwa British Prolectorate Bechuanaland a busiwa ke barongwa ba kwa Aferika Borwa. Ka nako eo Folaga e ne e nale diribo tsa kopana le kgolokwe fagare ka mekwalo ya S.A.H.C. e e emetseng South Africa High Commission. Ka Lwetse a tlhola masome a mararo ngwaga wa 1966 Botswana atsaya Boipuso Folaga e ntsha e ne ya dirwa e nale leina “Botswana”. Botswana o nale ledi le le nonofileng fela that go fetla mafatshe a Aferika.Folaga ga se letsela fela le le nang le sesupo.E tshwnetse go bua mo dipelong tsa batho le gone go fa molaetsa kwa bathong.Botswana ke lefatshe le le sha le le busitsweng dingwaga tse di lesome le boraro mme gape le nale ngomaelo e e atlegileng,re ka nna ra Bona Botswana e le mangwe a mafatshe a a eteletseng pele.

Botswana
Seelo sa ==Ditso tsa Folaga== Tautona wa Botswana

Pheletso ya Mebala fetola

Folaga e nale mmala wa botala jwa loapi le yo kgabaganyang folaga ka bogare ole montsho , leyo mosweu yo bonalang le mebala e mengwe. Mebala e e tsaya karolo ka selekanyo sa 9:1:4:1:9. Mmala wa botala jwa Loapi o emetse metsi, tota o raya pula, ebile otswa mo sekanong sa Botswana se se mo Botswana coat-of-arms,se se kwadilweng gotwe Pula, seele sa Setswana se rayang "Let there be rain". Mebala ya bontsho le bosweu e emetse Kagiso, mme gape e emetse pitse ya naga e e nang le mebala ya sekano sa Lefatshe.

 


Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Tempolete:Nationalflags

Tempolete:Africa-flag-stub