Frank Lesokwane ke moopedi wa Motswana yo o itsegeng thata ka leina la Franco. O itsiwe ka go dira dipina tsa Kwasa Kwasa tse di ratiwang thata. Frank gape o itsege ka go nna moeteledipele wa setlhopha sa mmino sa Franco and Afro Musica se se diragatsang bontle thata mo Botswana.

Tsa pereko

fetola

Ke lela le lona

Ke lela le lona ke pina ya Setswana e e golotsweng ke Frank ka ngwaga wa 2001, pina e e dirilwe go hitisetsa molaetsa ko bathong ba ba utlwileng botlhoko kwa ntle kwa, ba ba lebaganeng le mathata ka go farologana. Morago ga kgololo ya pina e e ratilweng thata e ya "Ke lela le lona" Franco o ne a nna mongwe wa badiragatsi ba ba atlegileng thata ka ngwaga wa 2001.[1]

Metswedi

fetola
  1. Botswana: Franco's 9th Rumba Album Out Today https://allafrica.com/stories/200910300831.html Monkagedi Gaotlhobogwe, Retrieved 07/10/2023