Gaolesiela Salang

Gaolesiela Salang (o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole a tlhola malatsi a lesome le bobedi ka ngwaga wa 1983[1] mo motseng wa Rakops).

Tiro ya gagwe fetola

Gaolesiela Salang ke Motswana o tumileng ka go taboga mabelo a makhutshwane. O itebagantseng thata le go taboga lebelo la boleele jwa dimmitara tse makgolo a mane (400 metres).

Salang e ne e le mongwe wa batsaakaralo wa lobelo la neelano la batabogi ba le bane (4 x 400 metres relay) kwa kgaisanong ya mafatshe ya 2004 Olympic Games. Setlhopa sa batabogi se a neng a dirisana le sone se ne sa tsaya maemo a borobabobedi kwa dikgaisanong tse.

Mabelo a mangwe a akaretsa lebelo la 200m le a le tabogileng ka 2005 kwa Harare, Zimbabwe.[1]

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 Gaolesiela Salang https://worldathletics.org/athletes/botswana/gaolesiela-salang-14176302 Retrieved 18 October 2022


Dikarolo: Matsalo a 1983