Mpho Gift Leremi (13 Phalane 1984-3 Lwetse 2007) ene ele motshameka gare wa kgwele ya dinao wa mo Aforika Borwa yoo a neng a tshameka mo ligeng e kgolwane labofelo mo setlhopheng sa Mamelodi Sundowns le mo setlhopheng sa sechaba sa Aforika Leremi o tlhokafetse ka kotsi ya koloi mo tseleng go bapa le toropo ya Johannesburg, ngwaga wa 2007 kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale mararo.[1]

Leremi ene ele motshameka gare yo o aneng a tshameka thata go tswa kwa khubung ya lebala yo ya mo moleng wa go nosa dino , mme a simolotse jalo tshameko ya gagwe mo setlhopheng sa banana sa Pimville Giants mo Soweto,koo a eleng a kgatlha leitlho la setlhopha sa Orlando Pirates mo dikgaisanong tsa metshameko ya kgwele ya dinao ya toropo eo ka ngwaga wa 1999. Morago ga go golagana le setlhopha sa Orlando Pirates sese agang batshameki ba ba kwa tlase,Augustos Palatios , yoo eneng ele mokatise wa setlhopha sa basha,one a lemoga talente mo lekawaneng le mme a mma fela fa thoko ga gagwe.

Leremi o tshamikile motshameko wa gagwe wa ntlha mo setlhopheng sa Orlando Pirates wa setlha sa liga ya 2002-03 fa ba ne ba fenya Moroka Swallows mme ba gapa bosimega jwa liga paka eo.

Ene yare ka ngwaga wa 2007 a fudugela kwa setlhopheng sa Mamelodi Sundowns teng mo ligeng e kgolwane.

Ka ngwaga wa 2007 kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi ale mararo Leremi one aya gae morago ga motshameko wa sejana sa CAF Confederation Cup kwa Cameroon kgatlhanong le setlhopha sa  Astres FC fa ane a amega mo kotsing ya koloi ee masisi kwa Albertson go bapa le Johannesburg.[2] One a bone dikgobalo tse di masisi mme morago a latlhegelwa ke botshelo ka ntlha ya kotsi e.

Metswedi

fetola
  1. Bafana player killed in car crash". Independent Online. South Africa. Retrieved 4 June 2024
  2. Police probe mystery of Gift's final drive". Archived from the original on 5 November 2013. Retrieved 10 June 2024.