Gladys Olebile Masire

Mohumagadi wa ga tautona wa Botswana (1980-1998)

Gladys Molefi Olebile Masire, o o neng a bidiwa Lady Masire, o tshotswe ka ngwaga wa 1931, kgwedi ya Phukwi e le malatsi a a masome a mararo, a tlhokafala ka ngwaga wa 2014 kgwedi ya Motsheganong a le malatsi a a lesome le bosupa. E ne e le morutabana kwa Botswana, ebile e le mohumagadi wa ga tautona o o ntseng lobaka go gaisa bahumagadi ba bangwe go tswa ka ngwaga wa 1980 go ema ka wa 1998.

Gladys Olebile Masire

Kgodiso le thutego fetola

Gladys Molefi Olebile o tshotswe ka ngwaga wa 1931 kwa motseng wa Modimola kwa Mafikeng kwa Aforika Borwa. E ne e le morwadia Fenkwane Mogwera le Mabu Mogwera. Mo letlhakoreng la ga mmagwe, o ne a tlholega kwa lolwapeng lwa bogosi lwa kwa ga Tawana-a-Tshipi Mina Tholo. Morago ga go aloga kwa Tigerkloof, o ne a gata mo dikgatong tsa ga mmagwe ka go nna morutabana dingwaga tse dintsi, a simolola pele kwa motseng wa gagwe wa Mafikeng mme a tswelela kwa Kanye, mo Bechuanaland. [1]

Tsa Pereko fetola

Ka ngwaga wa 1980, Lula Horace mosadi wa moemedi wa lefatshe la Amerika Horace Dawson, a thusa Olebile Masire go simolola mokgatlho wa ntlha wa bopelotlhomogi mo Botswana.[2] Lefelo le ne la bitswa Child-to-Child Foundation of Botswana, me a nna moeteledipele wa tlotla wa mokgatlho o ka ngwaga wa 1996.[3]

Ka ngwaga wa 1990, Olebile Masire e ne e le leloko la Mandela National Reception Committee, e le komiti e e neng e baakanyetsa loeto lwa ga Nelson Mandela lwa Seetebosigo 1990 mo Gaborone morago ga go bulelwa kwa toronkong ya Robben Island.[4]

Botshelo jwa gagwe fetola

O ne a nyetswe ke tautona wa pele wa Botswana Sir Quett Masire ka ngwaga wa 1958, mme ba nna le bana ba le barataro.[5]

Tlotla fetola

Olebile Masire e ne e le moemanokeng ka madi wa Special Olympics Botswana go tswa ka ngwaga wa 1989 go tsena ka wa 2013.[6] Ka ngwaga wa sekolo wa 1996 le wa 1997, sekolo sa ithutelo ditiro sa Mmadikolo se ne sa simolola seetsele sa Lady Olebile Masire mo leineng la gagwe. Seetsele se se neelwa moithuti o o gaisistseng wa lephata la Engineering.[7]

Olebile Masire o ne a neelwa seetsele sa tlotla sa ga tautona ka ngwaga wa 2016 ke tautona Ian Khama, se se ne se dirwa a ntse a tlhokafetse.[8]

Loso fetola

Ka ngwaga wa 2014, kgwedi ya Motsheganong a le lesome le bosupa, Olebile Masire a tlhokafala kwa sepateleng sa Milpark kwa Parktown,kwa Gauteng Aforika Borwa. O ne a bolokwa kwa Kanye,Botswana ka letsatsi la masome a mabedi le botlhano la Motsheganong ngwaga wa 2014, beke morago ga a sena go tlhokafala.[1]

Metswedi fetola

  1. 1.0 1.1 "Fare thee well...Mother of the Nation".gov.bw. Archived from the original on 2016-09-17.Retrieved 15 November 2016.
  2. "National Headliners".6 August 1990.Jet.Johnson Publishing Company.p 12.Retrieved 15 November 2016.
  3. Pridmore,Pat (1996)."Children as health educators : the child-to-child approach".(Ph.D).University of London.
  4. Makgala,Christian John(2006)."The BNF and BDP's 'Fight' for the Attention of the ANC, 1912-2004: A Historical Perspective".Botswana Notes and Records.38:115–133.JSTOR 41235991.
  5. Morton,Fred;Ramsay,Jeff;Themba Mgadla,Part (2008).""Historical Dictionary of Botswana.(4th ed).p 208. "ISBN 9780810854673.Retrieved 15 November 2016.
  6. "Commission inducts pioneers".dailynews.gov.bw.Retrieved 15 November 2016.
  7. "Undergraduate Academic Calendar 2016/2017".ub.bw.Retrieved 15 November 2016.
  8. Motsamai,Mmoniemang."Botswana: Khama Honours Builders of Botswana".allafrica.com.Retrieved 15 November 2016.