Glayton M.Modise ( a tshotswe  13 Phukwi 1940-9 Tlhakole 1916)ene ele moeteledipele wa e nngwe ya dikereke  tsedi nang le tatedi e tona mo Aforika ebong International Pentecostal Holiness Church . Glayton ene ele ene fela morwa o oesi wa ga rre Frederick Samuel Modise(1914-1998) yoo o tlhamileng kana a simolodisitseng kereke ya IPHC ka ngwaga wa 1962. Morago ga leso laga rraagwe ka 1998, Glayton oile a tsamaisa kereke go fitlhelela a tlhokafala ka ngwaga wa 2016 kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a robabongwe.[1][2]

Botshelo Pele

fetola

Modise o tsholetswe kwa Soweto mo Aforika Borwa, mme one ale kafa tlase ga bodiredi jwa ga rraagwe  mo kerekeng ya Zion Christian Church koo eneng ele mongwe wa bagogi. Morago ga pitso ya ga rraagwe go rera lefoko la Modimo ka ngwaga wa 1962, Modise ene ele ene a tlhokometseng makalaka aa batho ba palo potlana go godisa kereke. Morago ga leso laga rraagwe ka ngwaga wa 1998, kereke ene ya tswelela ka go gola.

Tumelo

fetola

Modise o supa fa a ile a nna le ponatshegelo fa Modimo ane a mo laela go reka thaba nngwe kwa Kapa mo Aforika Borwa mme a tlosolosa leina la yone go nna Mount Zion.[3] Glayton oile a tsweledisa seo rraagwe a neng ase tlogetse eleng lenaneo la go duelela baithuti baba kobo dikhutshwane sekole lele bidiwang FS Modise Bursary Scheme leo le neng la fetoga go bitswa FS Modise Bursary Scheme MG moragonyana.

Metswedi

fetola
  1. FREDERICK MODISE AND THE INTERNATIONAL PENTECOST CHURCH". artsweb.bham.ac.uk. Archived from the original on 2 October 2014. Retrieved 4 February 2019
  2. IPHC bishop's wives sword war revealed". SowetanLIVE & Sunday World
  3. 16 International Pentecost Holiness Church members in the dock for murder". The Citizen (South Africa). 30 November 2018