Grasulf I of Friuli

Grasulf I (o tlhokafetse morago ga 575) e ne e le setlogolo sa Alboin, Kgosi ya ntlha ya Lombard ya Italy, le morwarraagwe Gisulf, Kgosana ya ntlha ya Friuli, [1] [2]yo a neng a mo tlhatlhama jaaka kgosana nako nngwe morago ga 575.[3]

Lekwalo le le kwadilweng ke Gogo, ratoropo wa Ba-Frank wa ntlo ya bogosi ya Austrasia ka fa tlase ga Sigebert I le Childebert II, nako nngwe fa gare ga go tla ga Gogo mo pusong ka 571 le loso lwa gagwe ka 581 le bua ka Grasulf jaaka celsitudo, e mokwalahisitori Walter Pohl a e tlhalosang jaaka e e kayang gore Grasulf o tshwere ofisi.[4]Lekwalo leno ga le na letlha e bile ga le a kwalwa ka leina la kgosi epe e a neng a e direla. Ka tlwaelo e ne ya bewa mo ngwageng wa loso lwa gagwe (581), mme tharabololo e nngwe e e neng ya bewa ke Walter Goffart e ne ya e baya mo masimologong a 571 - 572 mo e ka nnang ka nako ya fa Sigebert a ne a etela Constantinople. Mo go yone Gogo o rotloetsa Grasulf gore a ikgolaganye le Ba-Franks, Mmusomogolo wa Byzantine le Mopapa go leleka Ba-Infestantes (gongwe e le Ba-Lombard kgotsa ditlhopha tse dingwe tsa batho fela) go tswa kwa Italy. Barongwa ba ne ba setse ba le kwa Austrasia go ya go bona karabo ya ga Grasulf fa e le gore maemo a bosa a mariga a ne a ka diegisa karabo ya gagwe go mmusimogolo. [5] Rahisitori Thomas Hodgkin a re Grasulf "...e ne e le kgosana..." mo bogareng jwa dingwaga tsa bo580.[6]

Mokanoki Amedeo Crivellucci a re lebaka le lengwe le le dirileng gore Grasulf a batle go lwa le Ba-Lombard ka ene, e ne e le go galefa ka go bo a ne a tlodisiwa matlho morago ga loso lwa malomeagwe mme a tlhophiwa gore e nne kgosi ke Authari yo o neng a sa amane le ene. [7]

Fa Ba-Byzantine ba ne ba ka kgona go laola bokone jwa Italy, mmusomogolo o ne o ka se ikaege fela gape ka masole a a hirilweng a Ba-Lombard mme gape o ne o ka dirisa Friuli go bula ntwa e ntšha kgatlhanong le Ba-Avars.[8] Le fa go ntse jalo, dipuisano di ne tsa se ka tsa atlega mme Grasulf ga a ka a dumalana le Ba-Frank kgotsa Ba-Byzantine. O ne a tlhatlhamiwa jaaka kgosana ke morwawe, Grisulf II mo e ka nnang ka 591.

Le fa gone go sa itsiwe gore setulo sa ga Grasulf sa puso se ne se le kae, lekwalo le le tswang kwa go Gogo ke bosupi jwa gore "kgotla ya kwa Friuli" e ne e kgona go tshwara makwalo a a raraaneng a segosi ka bonako fela fa Ba-Lombard ba sena go goroga mo mmung wa Italy.

Metswedi

fetola
  1. Hodgkin 1916, p. 42
  2. Goubert, Paul. Byzance avant l'Islam II 1: Byzance et les Francs (Paris 1956) p. 197
  3. Pohl, Walter, Kingdoms of the Empire: The Integration of Barbarians in Late Antiquity, BRILL, 1997, p. 100, n.96 ISBN 9789004108455[1]
  4. Pohl, Walter, Kingdoms of the Empire: The Integration of Barbarians in Late Antiquity, BRILL, 1997, p. 100, n.96 ISBN 9789004108455[2]
  5. Pohl, Walter, Kingdoms of the Empire: The Integration of Barbarians in Late Antiquity, BRILL, 1997, p. 100, n.96 ISBN 9789004108455[3]
  6. Hodgkin 1916, p. 45.[4]
  7. Hodgkin 1916, p. 48.[5]
  8. Fabbro, Eduardo. Warfare and the Making of Early Medieval History (568-652), Routledge, 2020, ISBN 9780429279522