Rre Gugu Mavuma ke modulasetulo wa Youth Matters Botswana mme gape ke tsamaisa kgwebo ya me ya talent agency (AJ Promotions). Mo dingwageng tse di fetileng, Gugu o nnile le tshiamelo ya go dira le Gabz FM, BTV (jaaka mongwe wa difatlhego tsa ntlha mo seteisheneng jaaka motshwaramotsamaisi wa tswelopele), Mascom, jaaka motsamaisi wa Lizard Lounge (e leng nngwe ya mafelo a a kgatlhisang thata kwa Gabs ka nako eo) gareng ga tse dingwe.

Gugu Mavuma
LetsoMotswana
Ke moBotswana
Tirochairman
O itsegi kaYouth Matters Botswana

Ka gagwe

fetola

Motho wa radio le thelebišene (TV), Gugu Mavuma o ne a ntse a batla go nna mo thelebišeneng ka bonako fela fa Botswana Television e simolola. O simolotse jaaka motshwaramotswako mme tiro ya gagwe ya go nna motshwaramotswako e ne ya fela mme ka 2004 o ne a bidiwa gape go tla go dira tiro e nngwe ya thelebišene go tshwarela lenaneo le le bidiwang Coca Cola Cool Cash Show. Mavuma yo o nang le talente o ne gape a nna moanelwamogolo wa mananeo a makwalodikgang a Prime Time Live le Bonang.