Kaizer Chiefs F.C.

Setlhopa sa Kwele ya dinao Kaizer Chiefs[1](gantsi se itsiwe jaaka Chiefs[2]) ke setlhopha sa kgwele ya dinao sa Afrikaborwa [3]se se kwa Naturena, Borwa jwa Johannesburg, se se tshamekang mo Premiership ya Betway. Setlhopha se retwa go twe AmaKhosi, go raya "Dikgosi" kgotsa "Dikgosana" ka Sezulu, le Phefeni Glamour Boys. Chiefs e gapile ditlotla tsa kgaisano (di le nnè mo motlheng wa PSL) le dijana tsa dikgele di feta 42.[4] Sejana sa boshweng sa setlhopha e ne e le sejana sa Shell Helix Ultra se e se gapileng ka October 12, 2019.[5] Ka ntlha ya seo, ba na le dijana tse dintsi mo ditlhopheng tsotlhe tsa Aforikaborwa e bile ke setlhopha se se atlegileng thata mo hisitoring ya kgwele ya dinao ya Aforikaborwa fa e sale go simololwa kwa makalekaleng ka 1970. Ke setlhopha se se tshegediwang thata mo nageng, se tlisa gae palogare ya 6,144 ya baledi ba mo gae mo setlheng sa 2019-20, se se kwa godimo thata mo kgaisanong. Seno se dirilegore ba bitswe "Setlhopha se Segolo" kwa Borwa jwa Aforika. Setlhopha se tshameka metshameko ya kwa gae kwa Setadiamo sa FNB [6]se se kgonang go tshola batho ba le 94,797.[7]

  1. Kaizer Chiefs
  2. Chiefs
  3. Aforikaborwa
  4. "Kaizer Motaung | The Presidency". www.thepresidency.gov.za. Archived from the original on 2023-01-19. Retrieved 2023-01-19.
  5. "Billat, Castro help Chiefs demolish Sundowns in Shell Cup". www.kaizerchiefs.com. Retrieved 2024-02-26.
  6. Setediamo sa FNB
  7. "worldfootball.net". worldfootball.net. Retrieved 25 July 2021.
Kaizer Chiefs
Setshwantsho:Kaizer Chiefs logo.svg
Leina ka botlaloKaizer Chiefs Football Club
Maina a tshameko
  • AmaKhosi (Kings)
  • The Phefeni Boys
  • Abafana bokuthula noxolo (The Boys of Love & Peace)
  • The Glamour Boys
Leina le khutsofaditsweChiefs
Tshimologo7 Ferikgong 1970; 54 years ago (1970-01-07)
StadiumFNB Stadium
Palo94,797
Mong wa setlhophaKaizer Motaung
ChairmanKaizer Motaung
MotsamaisiNasreddine Nabi
LekiBetway Premiership
2023–2410th
MaranyaneClub website
Current season
Mafapha a a dirang a Kaizer Chiefs
Kgwele ya dinao (ya banna) Kgwele ya dinao (Bashwa ba ba tlhakaneng)