Kenetswe Mosenogi

 

Kenetswe Norah Mosenogi[1] ke mmadipolotiki wa Aforikaborwa yo o tswang kwa Bokone Bophirima. Leloko la African National Congress[2], o nnile Leloko la Khuduthamaga [3](MEC) la Matlotlo[4] go tloga ka Seetebosigo 2024 le Leloka la Kgotlapeomolao[5] ya Porofense ya Bokone Bophirima go tloga ka Motsheganong 2019. Pelenyana, o dirile jaaka Leloko la Khuduthamaga[6] (MEC) la Tlhabololo ya Ikonomi, Tikologo, Tshomarelo le Bojanala[7] go tloga ka Motsheganong 2019 go fitlha ka Ngwanatsele 2022 le jaaka Leloko la Khuduthamaga (MEC)[8] la Botsweretsi, Setso le Boitapoloso [9]go tloga ka Ngwanetsele 2022 go fitlha ka Seetebosigo 2024. Mosenogi gape o dirile jaaka motlatsa mokwaledi-kakaretso wa Lekala la Bašha la African National Congress [10]go tloga ka 2011 go fitlha ka 2013.

Mosenogi o bone dikirii ya boMankge mo tsamaisong ya kgwebo kwa Sekolong sa Kgwebo sa Unibesiti ya Bokone-Bophirima.[11][12] Gape o na le dipoloma ya morago ga kalogo mo go tlhokomeleng le go tlhatlhoba go tswa kwa Yunibesiti ya Witwatersrand.[13][12]

Tiro ya gagwe

fetola
  1. Kenetswe Norah Mosenogi
  2. African National Congress
  3. Leloko la Khuduthamaga
  4. matlotlo
  5. Kgotlapeomolao
  6. Leloko la Khuduthamaga
  7. Tlhabololo ya Ikonomi, Tikologo, Tshomarelo le Bojanala
  8. MEC
  9. Botsweretsi, Setso le Boitapoloso
  10. Lekala la Bašha la African National Congress
  11. Sekolong sa Kgwebo sa Unibesiti ya Bokone-Bophirima.
  12. 12.0 12.1 "MEC Kenetswe Mosenogi on meeting with her new administration". Government of South Africa. Retrieved 14 August 2020.
  13. Yunibesiti ya Witwatersrand.