Kgosi Gaborone
Gaborone (yo o tshedileng ka dingwaga tsa 1825-1931) e ne e le kgosi ya morafe wa Batlokwa, morafe o o leng mongwe wa merafe e megolo ya Batswana mo lefatsheng le gompieno le bidiwang Botswana. O nnile kgosi ya morafe o ka dingwaga tsa bo 1880, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, a bo a rurifatsa Batlokwa e le one morafe o o o monnye go fetisa mo go e e ikemetseng[1] mo Bechuanaland jaaka Botswana a ne a bidiwa. Leina la toropokgolo Gaborone, le dule mo go ene.
Botshelo go tswa bonnyeng le lelwapa
fetolaGa go itsiwe sentle gore Gaborone o tshotswe ka ngwaga mang, mme go dumelwa gore o tshotswe ka ngwaga wa 1825. Rraagwe e ne e le Matlapeng yo e neng e le ene gofejane wa barwa ba bane ba ga Kgosi Kgosi e bile e le ene yo o tshwanetseng go mo tlhatlhama. Ke ngwana wa ngwana wa ga Bogatsu. Fa Kgosi a tlhokafala, Matlapeng o ne a le mmotlana thata go tsaya maemo a bogosi, mogoloe ebong Lesage a nna Kgosi mo maemong a gagwe. Moo ga baka gore Batlowa ba nne le tumalano ya tirisanommogo le Sebetwane (yo o neng e le moeteledipele wa Makololo). Basha (mongwe wa batsalwa le Matlapeng) o ne a sa itumelle boeteledipele jwa ga Matlapeng, mme se sa kgaoganya Batlokwa gabedi. Bangwe ba eteletswe ke Lesage ba leba kwa Bokone le Sebetwane go ya kwa nokeng ya Zambezi. Ba bangwe ba eteletswe ke Basha ba leba kwa Borwa kwa Letlhakeng (o mo kgaolong ya Kweneng gompieno). Matlapeng o ne a tsere letlhakore la ga Basha, ka moo ngwana wa gagwe wa ntlha ebong Gaborone, a tsholelwa kwa Letlhakeng.[1]
Bogosi
fetolaMatlapeng o tlhokafatse nako nngwe ka ngwaga wa 1880, a bo Gaborone yo dingwaga tsa gagwe di neng di heta masome a le borataro, a mo tlhatlhama go nna Kgosi. Dingwaga di le nne morago, bo morwa-rraagwe ba le bararo ba tlogela morafe go ya go itshimololela matshelo a bone, le ntswa se e ne e se selo sa tlwaelo mo Batswaneng. Mo nakong e e seng ya sepe morago go tiragalo eo, Gaborone a hudusetsa morafe kwa motseng o gompieno o bidiwang Tlokweng mo nokeng ya Notwane. Lefelo leo le ne le le mo kgaolong ya Bakwena, mme Gaborone a siamisa se e neng e le tlhokakutlwisano mo gare ga Bakwena le Batlokwa ka go romella Sebele kgosi ya Bakwena mpho ya madi le dikgomo.[1]
"Ke maswabi go bolela fa monnamogolo Kgosi Gaborone a tlhokafetse-e ne e le motho yo o nang le seriti thata. O ne a le dingwaga di le 110,e le segopotso sa dikgosi tsa bogologolo tse di neng di itshwara ka botho le seriti pele ga makgoa a tla go ba senya ka mekgwa ya bone, dilwana, dithuto le a mangwe masula[2]
Ka ngwaga wa 1895, motlhatlhami wa ga Sebele ebong Sechele, o ne a ne neelela Lefatshe la ga Mmamosadinayan sephatlho sengwe sa lefatshe la gagwe go dirisiwa go aga seporo sa terena ke kompone ya British South Africa Company (BSACO) Lefatshe le le neng le abilwe le ne le akaretsa Tlokweng. Batlokwa ba ne ba ikaelela go kopa boagedi mo lefatsheng leo mo komponeng eo go na le go tlogela kgosi ya bone a latlhegelelwa ke lefatshe la gagwe. Tuelo ya boagedi jwa boene ya madi a kana ka diponto di le 150 ka ngwaga. Kompone ya dumalana gore "Monnamogolo wa Kgosi a seka a kgorelediwa fa a santse a le mo botshelong." Gaborone a felela a tlhokafala ka ngwaga wa 1931 a le dingwaga di le 106. Ngwana wa ngwana wa gagwe a mo tlhatlhama ka ngwana wa gagwe o motona a ne a tlhokafetse pele ga gagwe.[1]
Katlego ya ga Gaborone
fetolaMorago ga leso la ga Gaborone, lefatshe la Bechuanaland la tsena mo dipuisanong tsa go rapelela gore kompone e buse lefatshe la Batlokwa, morago ba dira lefelo la Batlokwa Reserve. Go tswa ka dingwaga tsa bo 1890, Tlokweng ya itsega mo makgoeng e le "Gaborone's Village", lefelo le le neng le le mo bophirimatsatsi jwa Tlokweng la fiwa leina la "Gaborone's Block" . Leina le la anamela kwa bogoging jwa lefelo mme la fetoga go nna "Gaberones" go tswa mo go "Gaborone's".[3] Toropo e e neng ya agiwa ya bidiwa "Gaberones" go fitlhela ka ngwaga wa 1969, a bo le fetolwa go bidiwa Gaborone. Dingwaga di le tharo pele ga phetolo e, toropo e e ne ya nna toropokgolo ya lefatshe le le ipusang la Botswana.[4]
Metswedi
fetola- ↑ 1.0 1.1 1.2 1.3 Sillery, Anthony (1952). The Bechuanaland Protectorate. Oxford University Press. pp. 168–169. ISBN 0313239703
- ↑ Reniera Cloete Stanley was the wife of Sir Herbert Stanley, High Commissioner of the United Kingdom to South Africa. Rey, Charles (1988). Monarch of All I Survey: Bechuanaland Diaries, 1929–1937. James Currey Publishers. p. xxvii. ISBN 0852550162
- ↑ Morton, Fred; Ramsay, Jeff; Mgadla, Part Themba (2008). Historical Dictionary of Botswana. Scarecrow Press. p. 332. ISBN 978-0810864047
- ↑ "Regions Given New Spelling". Spokane Daily Chronicle. Spokane, Washington, USA. Associated Press. 22 December 1969. p. 11. Retrieved 15 October 2016