Kgosi Puso Gaborone

Kgosi Puso Gaborone yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ngwanaatsele ale lesome le motso ka ngwaga wa 1975 ke kgosikgolo ya Batlokwa morafe wa Tlokweng mo Botswana. Mo ngwageng wa 2021 o ne a tlhophiwa ele modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi mono Botswana, maemo a ntseng a tshwere go tswa mo ngwageng wa 2009.[1]

Dithutego fetola

Kgosi Puso Gaborone o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanaatsele mo ngwageng wa 1975, ke ene ngwana wa mosimame fela ale mongwe wa ga moswi Kgosi Moshibidu Gaborone.Kgosi o dirile dithuto tsa gagwe kwa sekolong sa Batlokwa National. Ntswa ele kgosi gompieno ene ele morutabana pele. Moletlo wa gagwe wa go bewa kgosi o ne o tshwaretswe mo kgotleng ya Tlokweng ,moletlo o , o ne o tseneletswe ke Tautona wa pele wa Botswana ,Rre Festus Mogae le Rre Ketumile Masire yo o re togetseng mo lefatsheng, dikgosi tsa Batlokwa go tswa Aferika Borwa le Lesotho, baeteledipele ba merafe le morafe ka kakaretso.[2]

Bogosi jwa Batlokwa fetola

Puso Gaborone o tsere setilo sa bogosi ka kgwedi ya Phatwe mo ngwageng wa 2007 morago ga loso la ga rre rraagwe ka ngwaga wa 2005.[2] E ntse ele kgosi ya Batlokwa, o ne a tlhophiwa ele modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi tsa Botswana.[3][4]

Botshelo jwa gagwe fetola

Kgosi Puso Gaborone o ne a tsena mo nyalong e boitshepho le Mme Thandie Tshepo Leshomo Gaborone ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa 2016 ebile ba nale ngwana ale mongwe fela.[5][6] Go supiwa gape gore Kgosi o busa ka sekao ka go tsaya mokento wa COVID-19 gammogo le mohumagadi wa gagwe ka kgwedi ya Mopitlo mo ngwageng wa 2021.[7]

Metswedi fetola

  1. "Kgosi Gaborone re-elected Chairman of Ntlo Ya Dikgosi | Sunday Standard". Archived from the original on 2020-09-29. Retrieved 2021-11-18.
  2. 2.0 2.1 "Mmegi Online :: Puso Ascends Batlokwa Throne". Mmegi Online. Archived from the original on 2022-09-12. Retrieved 2022-11-18.
  3. BASIMANEBOTLHE, TSAONE. "Mmegi Online :: Kgosi Gaborone leads Ntlo ya Dikgosi for sixth time". Mmegi Online. Archived from the original on 2016-02-06. Retrieved 2022-11-18.
  4. Leepile, Naomi (2019-11-21). "Botswana: Kgosi Puso Clinches Ntlo Ya Dikgosi Chairmanship Again". allAfrica.com. Archived from the original on 2019-11-21. Retrieved 2021-11-18.
  5. SELATLHWA, INNOCENT. "The Monitor :: Batlokwa Kgosi weds". The Monitor. Archived from the original on 2020-08-04. Retrieved 2022-11-18.
  6. "Paramount Chiefs of Botswana". THE AFRICAN ROYAL FAMILIES. 2020-09-20. Archived from the original on 2021-06-02. Retrieved 2021-06-01
  7. Masolotate, Bonang (March 31, 2021). "Kgosi promotes vaccine, urges others to follow suit". Retrieved 4 April 2021.