Kgosi Rebecca Banika

Kgosi Rebecca Baniki ke kgosi ya setso ya motse wa Pandamatenga kwa kgaolong ya Chobe kwa Botswana. Pandamatenga ke lefelo le le nang le merafe e ferabobedi e e farologaneng.[1] O ne a tlhomiwa ka ngwaga wa 1999 ka kgwedi ya Ngwanatsele e tlhola malatsi a le lesome le botlhano,[2] ele ene mosadi wa ntlha go tlhomiwa kgosi mo Botswana, ebile ele wa ntlha go tlhophiwa ka ngwaga ya 2000 go ya Ntlo ya Dikgosi.[3] Ka ngwaga wa 2019, o ne a tlhophiwa gape go emela kgaolo ya gagwe kwa Ntlo ya Dikgosi.[4]

Go ya ka ene, go nna kgosi ya setso ene e se selo se a neng a tle a akanye ka sone ka o na le bomogolowe ba ba neng ba ka pagama setilo seo. Fa ba supa go tlhoka kgatlhego mo go palameng setilo morago ga go tlhokafala ga ga rrabonemogolo, Rebecca Banika o ne bilediwa go tsaya maemo a go nna kgosi ya motse.[5]

University of Ghana e simolodisitse letsholo la "Women and Political Participation in Africa: A comparative Study of Representation and Role of Female Chiefs" e le letsholo la go ithuta ka dikgosi tsa bomme, Kgosi Rebecca Banika e le mongwe wa bone. Letsholo le le bona dithuso tsa madi go tswa kwa go ba Andrew W. Mellon Foundation. Mo letsholong le, mefuta ya dipatlisiso e tswakantswe go tshwantshanya kemedi ya bomme mo bogosing le thotloetso ya bone mo ditshwanelong le boitekanelo jwa bomme kwa mafatsheng a Botswana,Ghana,Liberia le Aforika Borwa.[6] [7]Ba ba eteletseng pele mo letsholong le, Peace A. Medie, Adriana A E Biney, Amanda Coffie le Cori Wielenga ba gatisitse gape pampiri ya dikakanyo mo The Conversation News ya setlhogo sa "Women traditional leaders could help make sure the pandemic message is heard", e e tlhatlhanyang ka fa bomme ba dikgosi ba ka rutang morafe wa bone ka Covid-19 ka teng.[8]

Metswedi fetola

  1. Satgé,Rick de."Decentralised land governance: Cases from Botswana, Madagascar and Mozambique"
  2. "Facebook".www.facebook.com.Retrieved 2021-02-10.
  3. Matemba,Yonah Hisbon (2005)."A Chief Called 'Woman': Historical Perspectives on the Changing Face of Bogosi (Chieftainship) in Botswana, 1834-2004".JENDA: A Journal of Culture and African Women Studies.
  4. Reporter,Sunday Standard.18 November 2019."Only one woman elected to Ntlo ya Dikgosi | Sunday Standard". Retrieved 2021-02-10.
  5. "Daily News .:. : : Banika takes pride in being kgosi".www.dailynews.gov.bw.Retrieved 2021-02-10.
  6. "Home".Women Traditional Leaders.Retrieved 2021-02-10.
  7. "Women Traditional Leaders".PEACE ADZO MEDIE.Retrieved 2021-02-10.
  8. Biney,Adriana;Coffie,Amanda;Wielenga,Cori;Medie,Peace A. "Women traditional leaders could help make sure the pandemic message is heard".The Conversation.Retrieved 2021-02-10.