Lesbians, Gays & Bisexuals of Botswana (LEGABIBO) ke setlhopha se se lwelang ditshwanelo tsa setho mo Botswana se itebagantse thata le go lwela ditshwanelo tsa molao le setho tsa batho ba ba ratanang ka bong mo Botswana. Ke lekgotla la ntlha la baratani ba bong jo bongwe go kwadisiwa mo Botswana morago ga go emiwa kgatlhanong semmuso.[1] Lekgotla le ikaelela go fokotsa go tlhaolwa ga baratani ba bong bo le bongwe le go lwela go lemogiwa ga baratani ba bong bo le bongwe fa go tla mo go tsa go amogela le go godisa bana, go amogelesega mo setshabeng le go nyalana ka bong.

Ditso fetola

LEGABIBO e simolotse ka ngwaga wa 1998[2] ka fa tlase ga katlego ya lekgotla le le lwelang ditshwanelo tsa setho la Ditshwanelo , e le tiro e e ka fa tlhakoreng e e emetseng batho ba ba ratanang ka bong mo Botswana.[2] Go lemogiwa semmuso le go sirelediwa ke molao ga batho ba ba ratanang ka bong mo Botswana e ne ele one maikaelelo a setlhopha se. Le fa go ntse jalo, go kwadisa lekgotla go ne ga seka ga nna bonolo mo Botswana ka matona a puo a ne a ne a dumela fa go ratana ka bong go le kgatlhanong le molao mo kgaolong ya masome a marataro le bone ya penal code, mme bangwe ba dumela gore go kwadisa lekgotla le go tla tlisa tlhakatlhakano mo setshabeng.[3]

Mo legatong la ntlha la lekgotla le, le ne la retelelwa ke go kgobokanya madi le didirisiwa tse dingwe go kgona go dira ditirelo tsa lone go fitlhelela BONELA (Botswana Network of Ethics,Law and HIV) le tsaya tshwetso ya go fa lekgotla le kemo nokeng ka mathata a lone a tsa semolao le di ofisi tse ba ka direlang ditirelo[2] tsa bone le go tshwara bokopano go tlhatlhanya ka dikgang tse di amang baratani ba bong mo Botswana. Ka ngwaga wa 2005, LEGABIBO e ne ya kopa go ikwadisa le ba Botswana Civil and National Registration,[2] ba ba neng ba emetswe ke moatlhodi wa pele Unity Dow ba engwe nokeng ke BONELA, Southern African Litigation Centre (SALC) le Open Society Initiative of Southern Africa (OSISA). Setlhopha se nnile le katlego mo tshekong e kwa kgotla tshekelong ngwaga wa 2014 ka Ngwanatsele le kwa Court of Appeal ka 2016 ka Mopitlo.[3]

Ditiragalo fetola

Batho Ba Lorato fetola

LEGABIBO e ne ya tshwara moletlo wa setshwansho sa motshikenyego sa Batho Ba Lorato se se neng se ruta batho ka dikgang tsa baratani ba bong, go rotloetsa kgololesego le boitshoko.[4] Moletlo wa boraro o ne o tshwerwe ka malatsi a le masome mabedi le borobabobedi ka Tlhakole 2015 kwa University of Botswana Auditorium.

Letsatsi la mafatsheatshe kgatlhanong le batho ba ba tlhoileng baratani ba bong bo le bongwe le ba ba iphetotseng bong fetola

Lekgotla le le ba BONELA ba ipelela International Day Against Homophobia and Transphobia le bo le dirisa moletlo o go tsibosa batho ka ditshwanelo. Ka ngwaga wa 2015, moletlo o ne wa dirisiwa go simolola letsholo kgatlhanong le go kgaola dikarolo tsa bana ba ba tsholwang ba na le dikarolo tsotlhe ka bobedi.[5]

Metswedi fetola

  1. Esterhuizen,Tashwill.(2016-05-17)."Africa: Moving Towards a Culture of Tolerance, Respect and Acceptance of Sexual Diversity"..Johannesburg.Southern Africa Litigation Centre.Retrieved 2016-06-18.
  2. 2.0 2.1 2.2 2.3 Tabengwa,Monica;Nicol,Nancy.(2013).Lennox,Corinne (ed)."Human Rights, Sexual Orientation and Gender Identity in The Commonwealth: Struggles for Decriminalisation and Change".School of Advanced Study, University of London.The development of sexual rights and the LGBT movement in Botswana.pp 352–362.
  3. 3.0 3.1 "Botswana: Groundbreaking Judgment By Botswana Court of Appeal On Freedom of Association and LGBTI Rights".March 21, 2016.Pambazuka.
  4. Chuma,Thato.(February 25, 2015)."LEGABIBO SHOWCASE FILMS AT THIRD ANNUAL FILM FESTIVAL".Sunday Standard.Gaborone.
  5. Mokaeya,Mosidi.(May 19, 2014)."LEGABIBO COMMEMORATES DAY AGAINST HOMOPHOBIA".Sunday Standard.Gaborone.