Leeto ke lone le fang bokete ba mmele thuso, le bereka ka go tsamaya le bopegile go dira motsamao bonolo. Tshikinyego kgotsa tsamao e ya leoto e simologa mo nokeng go ya ko tlase.

Sekai sa leoto la khukwane

Jaaka e le karolo ya mmele e e dirisiwang go tsamaya, e dikarolo tse di obegang go dira motsamao bonolo, go tshwaragane le lonao. Bontsi jwa diphologolo bo nale maoto a palo e e lekanang

Jaaka karolo ya furniture e dirisiwa gore sedirisiwa se nne le go itshegetsa go babalela mo go kwa godimo kgotsa mo go go thusang ke fela jalo ka maoto.

Maina a magwe a leeto fetola

  • Leeto le le lengwe
  • Maoto a mabedi( mo bathong le dinonyane)
  • Maoto a mararo( gantsi ke diphologolo tse di sa itekanelang)
  • Maoto a mane( diphologolo jaaka katse le ntsa.)

Mefuta e e fa godimo e farologanngwa ke yone pala ya maoto

  • Diphologolo di nale a le mane
  • Ditshidi, di kgona go nna le maoto go simoloa ka bone go fitla lesome le bone. Di se dintsi di kgona go nna le go feta lekgolo ga maoto jaaka diboko kgotsa dibokolodi. Tse dingwe di kgona go nna le didikadike tsa lekgolo tsa maoto.

Dikarolo fetola

Leeto ke karolo ya mmele e telele ka sebopego. Dikarolo tsa lone le farologanngwa ke gore ke ya setshidi sa mofuta ofe. Mo bathong le diphologolo tse dingwe leeto le nna le marapo, mesifa, ditshika tse di tshwaraganyang dikarolo tsa leeto le letlhalo. Mo ditshiding, leeto le nna le tse di fa godimo ntle le gore di nna le letlalo le le thata le e le khurumetsang go sireletsa marapo le letlalo.

Nako nngwe kwa bofelelong jwa leeto go nna le lenao e le karolo ya leeto, mme gape di kgaogane. Fela jaaka metwane le dinoka e le dikarolo mo leetong, tse di dirand gore leeto le felele.

Maoto a mane fetola

 
Leeoto la tlou ya mafatshe a sele.

Mo karolong e e nang le maoto a le mane, leeto gantsi lo dirisiwa go tsamaisa. Mo go tsa boitsaanape leeto antsi ba raya fa gare ga lenyole le manyenyana. Karolo e e kwa tlase ga leeto e bidiwa memo kana momo.

Mo diphologolong tsa maoto a mane , mo go ko tlase ke gone mo ba go bitsang maoto, motwane kapa motlhafu, tse pedi dikarolo tse di wa godimo ga leeto .

  • Leeto la motho

Leeto la seboko fetola

  • Leeto la seboko

Leeto la roboto fetola

Ke leeto le le dirileng ke baitsaanape ba dirisa ditshipi go tsamaisa ka remote. Di nna le maatla a a dirisiwang ke boranyane kapa motlakase go dira gore e kgone go tshikinyega.

Notes fetola