Lerala

Motse o mo lefatsheng la Botswana

Lerala ke motse o o mo kgaolong ya legare mo Botswana. Motsana o o dikhilomethara tse di masome a mararo go tsweng kwa nokeng ya Limpopo gape le molelwane wa Zimbabwe gape o ka nna dikhilomethara tse di masome a boferabongwe mo botlhaba jwa motse wa Palapye. Palo ya batho ba Lerala e ne e le 5,747 palo bathong ya ngwaga wa 2001.[1]

Lerala is located in Botswana
Lerala
Location of Lerala

Kompone ya kwa lefatsheng la Australia e e bidiwang, DiamonEx Limited, e akanya go bula moepo wa diteemane mo dikhilomethareng tse di lesome le botlhano mo bokone0bophirima jwa motsana wa Lerala. Leina la moepo le le itsegeng ka Martins Drift Diamond Project o tla bulwa ka tshimologo ya ngwaga wa 2008 gape o bo o tlhapa babereki ba le makgolo a mabedi le masome a mararo go ya kwa makgolong a mabedi le masome a boferabongwe go ntsha selekanyo se se akanyediwang sa 330,000 carats (66 kg) ngwaga.[2][3] Mo nakong e e fitlileng kompone e e kopanetsweng ya De Beers gape le puso ya Botswana ba ne ba direla fa gare ga ngwaga wa 1998–2001 moepo wa tshimolodiso wa diteemane gone kwa lefelong leo.[4]

Setshaba se kutlwelobotlhoko ka 2016 fetola

Mokgatlho wa Royal Family Culture and Charity o abetse banni bangwe ba ba neng ba wetswe ke seru sa dipula tse di ileng tsa senya kwa motseng wa Maunatlala. Moeteledipele wa mokgatlho o, Rre Joseph Thakgathi, a re mokgatlho wa gagwe o itlamile go tswelela o abela malwapa a a tlhokang.A re Keresemose ke letsatsi le malwapa a a tlaa bong a kopane, mme a bone go tshwanetse gore malwapa a a tlhokang le one a nne le dijo le diaparo.Mokgatlho oo, o abetse malwapa a mabedi kwa Maunatlala dijo le diaparo ga mmogo le dingata tse di lesome tsa bojang gore ba kgone ba rulele matlo a bone a a ileng a rutlulolwa ke dipula le diphefo kgwedi e e fetileng.Rre Thakgathi a re ba dirile tiro e ba itebagantse le letshego la tebelopele ya 2016 la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e babalelang. Mokgatlho oo itebagantse gape le go tlhabolola ngwao ka go rotloetsa mmino wa Setswana, le poko.

Fa a tswa la gagwe, monni wa motse o, Mme Salome Lesole, yo le ene a nnileng le seabe mo go abeleng malwapa ao, o rotloeditse banni ba Maunatlala go nna le pelotlhomogi mo batlhoking. A re kutlwelobotlhoko e e tshwanetse go supiwa ke bone pele, e seng batho ba ba tswang kwa ntle. A re puso e sa ntse e le mo lesekereng la tlhaelo ya madi mme a kopa banni ba motse o go thusa go agela batlhoki.Kgosi wa motse oo, Kgosi Phopho Mapena, le ene o lebogetse mokgatlho oo ka go thusa malwapa ao ka dijo le diaparo. A re go a lebosega go bona banana ba tswa kgakala batla go supa kutlwelobotlhoko mo banning ba Maunatlala, bogolo jang ba ba ileng ba amiwa ke dibetso tsa tlholego

Bapedi ba Mapulana ba ipelela letsatsi la ngwao fetola

Ka Matlhatso, Bapedi ba Mapulan ba ne ba tshologetse kwa motseng wa Sefhare go ipelela ngwao ya bone.Letsatsi leo, le le le tshwarwang ngwaga le ngwaga, le ne le eteletswe pele ke mokgatlho wa Lentswe la Batswapong, o o itebagantseng le go rotloetsa ngwao le puo ya Sepedi.Fa a buisa Batswapong ka letsatsi leo, tona wa dipagamo le ditlhaeletsano, Rre Frank Ramsden a re go botlhokwa gore merafe e ipelele dingwao tsa yone.A re le fa ditso tsa merafe bontsi di kwadilwe, go botlhokwa go ipelela ngwao go ruta dikokomane le go di tsweledisa.A re merafe ya lefatshe leno e tshwanetse go itumelela popagano ka gore mo mafatsheng a mangwe semorafe ke sone se se tlang pele mme se tsale dikhuduego le dintwa.Tona Ramsden a re mo lefatsheng leno, le fa merafe e farologana ga go paledise gore merafe e kopane ka mekgwa epe.O akgotswe morafe wa Batswapong, a re se ba se dirang ke sone se puso e se rotloetsang gore morafe mongwe le mongwe o tshegetse ngwao le teme ya one, a re ke sone se puso e ileng ya tlhoma lephata la banana, metshameko le ngwao.

Rre Ramsden a re go a itumedisa go bona merafe e e farologaneng e eme ka dinao go supa le go akola se ba leng sone, a re letsatsi le le lone le supa ka fa morafe wa Batswapong o ratang e bile o ipelela se o leng sone.A re kgaolo ya Disikalala ke nngwe ya mafelo a a humileng tlholego jaaka mantswe a a nang le metswedi ya metsi a monate jaaka Sefhare, Goo-Moremi le Borotsi, a tlatsa ka gore Tswapong ke lefelo le lentle le le kgatlhisang ka mantswe a lone.Fa a tswa la gagwe, moemedi wa kgaolo ya Disikalala kwa ntlong ya dikgosi, Kgosi Sello Moroka o akgoletse lekgotla la Lentswe la Batswapong go kopanya morafe wa Batswapong.A re se se supa fa Bapedi ba itemogile bogolo jang ka ngwao ya bone.Le fa go ntse jalo a re ngwao e a fetoga, e amiwe ke ditlhabololo mme a kopa Batswapong go tswelela ba tshwere ngwao ya bone gore e se ka ya ba latlhegela.A re ngwao ke yone e kgaphang batho mo ditseleng tse di sa siamang, mme fa morafe o sa ntse o tshwere ngwao, o ka tila go tsena mo ditseleng tse di sa siamang.

Kgosi ya motse wa Sefhare, Kgosi Oteng Suping, o ne a tlhalosetsa morafe ka botshelo jwa Bapedi, a re Bapedi ba tswa kgakala e le balemi bogolo jang ka dipula di ne di na thata.O tlhalositse gape ka dijo tse di neng di jewa jaaka bogobe jwa lerotse, le diletso tse di neng di letswa ka nako eo.Letsatsi le le ne le ketekiwa ka dipina le maboko, mmogo le go etela mengwe ya metswedi e nnang e ela metsi.

Banana ba Bapedi ba amogela mogopolo fetola

Banana ba Disikalala Bokone ba amogetse mogopolo wa gore go okediwe dingwaga tsa banana go tswa mo go masome mabedi le boferabongwe go ya kwa go masome mararo le botlhano.Ba akgotse mopalamente wa Disikalala Bokone Rre Prince Maele, mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Lerala, Ratholo, Majwaneng le Manaledi, ba re dingwaga tse masome mabedi le boferabongwe di dinnye e bile di goroga ka nako e ba sa ntseng ba ise ba tlhaloganye dilo ka bontsi.Ba re ba ntse ba sa kgone go inaakanya le mananeo a puso a tshwana le la madi a banana a ba thusiwang ka one go ipulela dikgwebo.Bontsi jwa banana ba tlhalositse fa dikopo tsa bone di sa kgona go atlega ka ntlha ya dingwaga, ba re ba tsile go ititaya ka thupana gore ba kgone go akola lenaneo le.Fa mopalamente Rre Prince Maele a ba baya pele tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng, o ne a ba tlhalosetsa gore molao o o iteetswe legofi ke palamente, a re e bile o tlaa bewa monwana ka kgwedi ya Phukwi.A re banana ka bontsi mo kgaolong ya gagwe ba ntse ba lela ka kgang e, ya gore dingwaga di okediwe gore ba kgone go akola lenaneo la madi a banana.

Le fa go ntse jalo, a re o sa ntse a tshwenyega ka banana ba kgaolo ya Disikalala bokone ka gore ba maoto a tshupa go tsenya dikopo go ipulela dikgwebo tse di tlaa ba thusang go itlhamela ditiro go inamola lehuma.O kopile batsadi go mo thusa seemo se ka go bua le banana kwa malwapeng, a re go a swabisa go bona banana ba ba ka bong ba tsholetsa kgaolo e, e le bone ba ba nnang fela mo bojalweng le mo borukutlhing. Rre Maele o kgothaditse banana go bula dikgwebo gongwe le gongwe kwa Disikalala, a re ba se ka ba ikganelela fela mo metseng e ba tlholegang mo go yone, a re ke gone mo go dirang gore dikopo tsa bone di se ka tsa atlega ka gore bontsi jwa bone ba batla go dira dikgwebo tse di tshwanang mo lefelong le le lengwe.Le fa banana bangwe ba ne ba kopa gore madi a ba thusiwang ka one a P100 000 a okediwe, Rre Maele a re go thata gore madi a okediwe ntswa banana ba sa ntse ba sa kgatlhegele go a tsaya.Le fa go ntse jalo, Rre Maele o lebogetse banana ba ba kgonneng go ipulela dikgwebo ka madi a banana go tshwara ka thata gore dikgwebo tsa bone di se ka tsa phuphama.O ba kopile go thusa ba bangwe ba ba sa ntseng ba palelwa ke go tlatsa difomo gore le bone ba kgone ba ipulele dikgwebo tse di tlaa thusang go tlhabolola kgaolo ya Disikalala bokone.

Dikgoge tsa kwa ntle fetola

Metswedi fetola

  1. "Distribution of population by sex by villages and their associated localities: 2001 population and housing census". Archived from the original on 2007-11-24. Retrieved 2008-01-20.
  2. "Diamonex Limited Acquires Kimberlite Pipes In USA". ABN Newswire. Retrieved 2008-01-20. {{cite web}}: Italic or bold markup not allowed in: |publisher= (help)
  3. Modikwa, Onalenna (2006-05-22). "Production To Begin On Martins Drift Next Year". Mmegi Business Week. http://www.mmegi.bw/2006/May/Monday22/236196382442.html. Retrieved 2008-01-21. 
  4. "Lerala mine closes". Botswana Press Agency (BOPA). Retrieved 2008-01-20. {{cite web}}: Italic or bold markup not allowed in: |publisher= (help) Tempolete:Dead link