KA GA ENE fetola

 
Letsile Tebogo (Botswana Athlete) Under 20.

Letsile Tebogo o tshotswe ka 7 Seetebosigo 2003, ke motabogi wa Botswana. O ne a gapa gauta ya dimetara di le 100 kwa 2021 World Athletics U20 Championships kwa Nairobi, a nna motabogi wa ntlha wa Botswana go gapa gauta mo motshamekong wa dimethara tse di le lekgolo (100) mo mabelong a mahatshe a World Championship.

Mo ngwageng o o latelang, kwa 2022 World Athletics U20 Championships kwa Cali, o ne a roba rekoto ya lefatshe ya U20 mo motshamekong wa dimetara di le 100. Gape ke mmampodi wa Afrika wa dimetara di le 200, morago ga go fenya dikgaisano tsa 2022 African Athletics Senior championships kwa Saint Pierre, Mauritius. O ne a fenya gauta malatsi a le matlhano fela, morago ga a digela dingwaga dile lesome le boferabongwe . Sekgele se, se mo dira ene mmotlana go gaisa botlhe, yo o gapileng dimetlele tsa gauta mo ditsong tsa kgaisano tse.

Erile ka Kgwedi ya Tlhakole a le lesome le borobabongwe 2022, Tebogo o ne a fenya seetsele sa lebelo la dimethara di le lekgolo (100 m), la dikgaisano tsa Botswana Athletic Association championship mo nakong ya metsotso e le lesome le disekente di le boferabobedi (10.08 seconds).[1] O ne a tokafatsa maduo a mo kgweding tse pedi, a a isa ko nakong ya metsotso e le borabobongwe le di sekente tse masome a boferabongwe le bosupa (9.96 seconds), ko lebelong la Gaborone International meet, a dira rekoto e ncha ya under 20 world record. Ka ngwaga wa 2022, Phukwi a le lesome le botlhano, o ne a tswelela a tokafatsa maduo ko lebelong la World athletic championships a a neng a tshwaretswe ko Eugene, Oregon. O ne a taboga mo nakong ya mesotso e le boferabongwe le di sekente tse boferabongwe le bone (9.94 seconds). Kgwedi e e latelang, o ne a tokafatsa maduo a gagwe gape, a taboga mo nakong ya masome a boferabongwe le disekente tse masome a boferabongwe le bongwe (9.91 seconds), mo lebelong la 100m., la dikgaisano tsa World Athletics U20 Championships. Morago ga mabelo a, o ne a ipelela phenyo e, a itshwantshanya le mofenyi mogolo wa mabelo a lehatshe rre Usain Bolt.

REKOTE YA SECHABA fetola

  • 100 metres: 9.91 (+0.8 m/s) ( Cali, 3 August 2022)

GAPE BONA fetola

METSWEDI fetola

  1. Kolantsho, Calistus (21 February 2022). "Letsile sets new 100m record". Mmegi Online. Retrieved 23 February 2022.